Linda Mvusi (c. 1954, wa kwa Bloemfontein) ke motshameki le motlhami wa dipolane. Mvusi o ne a tsaya sekgele sa motshameki wa mosadi[1] yo o gaisitseng ba bangwe kwa Cannes Film Festival ka ngwaga wa 1988 ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming ya A World Apart e e neng e tsamaisiwa ke Chris Menges. Mvusi e ne e le mo Afrika Borwa wa ntlha go amogela sekgele sa motshameki yo o gaisang wa mosadi kwa Cannes.[2] Mvusi o ne gape a abelwa ka sekgele sa bokgoni jwa gagwe jwa go aga mo Musiamong wa Apartheid.[3]

Hisitori

fetola

Linda Mvusi o tsholetswe mo toropong ya Free State Kwa Afrika Borwa ka ngwaga wa 1955[4] mme o godiseditswe kwa Northern Rhodesia, Ghana le Kenya ka go latelana.[5]

O ne a katisitswe jaaka motlhami wa dikago mme o ne a sedila bokgoni jwa tiro ya gagwe kwa Harare fa a tla kopana le Chris Menges yo o neng a leka go batla mafelo a a ka direlang  filimi ya gagwe e e bidiwang A World Apart, gaufi le Bulawayo. Kwa tshimologong Mvusi o ne a sa rate filimi eno ka a ne a belaela gore ke filimi e e dirilweng ke batho ba ba tswang kwa ntle ba dirisa madi a dinaga di sele go e direla babogedi ba dinaga di sele. Mvusi o ne a akanya gore dimilione tsa madi a a tswang kwa dinageng di sele di ne di thibela Ba afrika go bolela dikgang tsa bone. O ne a bolela gore "batlhami ba dibaesekopo ba basweu ba gatelela tsela e rona ka bo-rona re godileng ka yone, tsela e rona ka borona re lebang hisitori ka yone , tsela e rona ka borona re lebang dilo ka yone". Le fa go ntse jalo Menges o ne a mo kgatlhisa fa  a simolola go tsenya batho ba selegae le maloko a ANC mo motshamekong.[6]


Filimi e ne e theilwe mo terameng ya botshelo jwa ga Shawn Slovo. Filimi e bua ka botshelo jwa ga Shawn Slovo wa dingwaga di le lesome le boraro, morwadie Joe Slovo le Ruth First. Filimi eno e sekaseka kamano e e leng teng fa gare ga morwadie le mmaagwe wa letso la sekgoa.  Mme yo o ineetse mo go lwantsheng kgatelelo ya sepolotiki mo Afrika Borwa, mme bokete jwa tiro  ya lelwapa le sepolotiki di a thulana ebile di dira gore malwapa a kgaogane. Filimi e dirilwe ele mo nakong  ya puso ya tlhaolele mo Afrika Borwa. Ka nako eo Joe Slovo e ne e le moeteledipele wa lekoko la Bokomonisi mo Afrika Borwa. Mo filiming maina a batsadi a fetotswe go nna Gus le Diana Roth mme morwadiabone o bidiwa Molly.[7]


Mo botshelong jwa mmang-tota le mo baesekopong ba ne ba tlhopha mosetsana mongwe gore a tlhokomele ngwana wa bone. Motho yo, e bong Elsie, o ne a tshamekiwa ke Mvusi mo filiming eo.


Menges o ne a tlhalosa fa a rata go dira le batshameki ba ba senang kitso e e tsepameng jaaka Mvusi le Jodhi May (o ne a tshameka Molly mo filiming). Le fa go ntse jalo, pono ena e ka tswa e bontshitse kamano e e sa siamang magareng ga ga Menges le Barbara Hershey, yo o neng a tshameka karolo e kgolo ya go nna mmaagwe.[8] Mvusi o ne a bega gore go ne go na le dikganetsano tse dintsi ka nako ya fa go dirwa  filimi. Bontsi jwa kgotlhang e ne e le ka go bo ba ne ba sa batle go latlhegelwa ke "polelo e ntsho", mme Mvusi o ne a tshwaela fa dikganetsano tse ,di ne di le botlhokwa ka gonne filimi e ne e dumalana le molaetsa wa yone. O akgotse Menges ka go tshwaela gore "ba na le kutlwelo botlhoko thata, ka gonne bana le boammaaruri"[9]. Filimi ye, ene e remeletse mo go   Ruth First yo o neng a bolawa ke bomo ya sephuthelwana se a neng a se rometswe ke ba Sepodisi sa Aforika Borwa ka ngwaga wa 1982.[10]

Dikago

fetola

Go dira ga gagwe go ne ga tsewa go le botlhokwa ke makasine wa Newsweek.[11] Mvusi o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya go aga mme a dira a le mo komponeng  ya gagwe mo Afrika Borwa. O ne a dira mo Musiamong wa Apartheid kwa Johannesburg[12] ko a neng a fiwa seetsele sa go dira ka botswerere ke ba South African Institute of Architects [13]ka ngwaga wa  2004, Mvusi o ne a  tswelela a ya go direla  mo motse-setoropo o o bidiwang Fort West kwa Tshwane.[14]

Difilimi tse a tsereng karolo

fetola

1988: Lefatshe le le Farologaneng

Ditlotla/Dietsele

fetola

Moletlo wa Difilimi wa Cannes ka 1988

Best Actress for A World Apart(mme yo gaisitseng ba bangwe)

Setheo sa Baagi sa Aforika Borwa

Moputso wa 2004 wa Bokgoni wa Musiamo wa Apartheid kwa Johannesburg (o kgaogantswe)

Metswedi

fetola
  1. Best actress Archived 5 March 2012 at the Wayback Machine, Orion Pictures, accessed March 2010
  2. Sellström, Tor (2002). Sweden and national liberation in Southern Africa: Vol. 2, Solidarity and assistance 1970-1994 (PDF). Uppsala: Nordiska Afrikainstitutet. p. 692. ISBN 91-7106-448-6. OCLC 41157147.
  3. 2004 Convention Archived 4 October 2008 at the Wayback Machine, South African Institute of Architects, accessed March 2010
  4. 50 women to watch in 2004, The Star, Zambia, accessed March 2010 Archived 5 December 2007 at the Wayback Machine
  5. Made, Patricia A.: Zimbabwe : Flirtation With Acting Ends with an Award. IPS-Inter Press Service, 23 June 1988, Harare
  6. Henron, Kim: Telling Stores With Light. In: The New York Times, 21. August 1988, Section 6; S. 32, Column 1, Magazine Desk
  7. "Festival de Cannes: A World Apart". festival-cannes.com. Archived from the original on 20 August 2011. Retrieved 26 July 2009
  8. Henron, Kim: Telling Stores With Light. In: The New York Times, 21. August 1988, Section 6; S. 32, Column 1, Magazine Desk
  9. Henron, Kim: Telling Stores With Light. In: The New York Times, 21. August 1988, Section 6; S. 32, Column 1, Magazine Desk
  10. Ruth First: Williamson given amnesty". Independent Online (South Africa). 1 June 2000. Retrieved 28 March 2010.
  11. Ansen, David: Home Sweet Home. In: Newsweek, 18. Juli 1988, United States Edition, The Arts, Movies, S. 56
  12. credits, SharpCity.co.za Archived 9 November 2009 at the Wayback Machine
  13. 2004 Convention Archived 4 October 2008 at the Wayback Machine, South African Institute of Architects, accessed March 2010
  14. 50 women to watch in 2004, The Star, Zambia, accessed March 2010 Archived 5 December 2007 at the Wayback Machine

Dikgolagano tse di ko ntle

fetola

Linda Mvusi at IMDb