Mahalapye Railway Highlanders

Mahalapye Railway Highlanders ke setlhopa sa kgwele ya dinao ka fa tlase ga Botswana Premier League, setlhopha se se nale metshameko e se tsayang karolo mo go yone kwa Molepolole mme bone ba tlholega kwa Mahalapye.[1][2]

Setlhopha sa Mahalapye Railways Highlanders pele se ne se bidiwa Botswana Railway Highlanders[3] setlhopha se se ka fa tlase ga Botswana Railways, kompone e thusa setlhopha ka sepalamo le le akapari le di dirisiwa tsa metshameko.[4] Ka ngwaga wa 2015 setlhopa sa Highlanders se ne sa atswiwa ka ka botlalo ke koporase ya Railways.[5]

Ditso fetola

Setlhopha sa Highlanders se simolotswe ele setlhopha sa itloso bodutu sa babereki ba Botswana Railways ka ngwaga 1987.[6][7]

Ka ngwaga wa 2002 ba ne ba tlhatlhosiwa maemo kwa setlheng sa first division ele la ntlha ko ba eteletswe pele ke mokatisi Tebogo Mokute.[8]

Ba ne ba tlhatlhoswa maemo mo metshamekong ya setlha sa ntlha sa Botswana Premier League ele lantlha sale ka ngwaga wa 2012.[9]

Setlhopha sa Highlanders se ne sa tlhomamisiwa kwa metshamekong ya Botswana Premier League ka ngwaga wa 2016.[10] Setlhopha se se ne sa iketsha ko morago kwa metshameko ya ngwaga wa 2017 go ya ko go wa 2018. Setlhopha sa Highlanders se ne sa tlhatlhosiwa maemo kwa metshamekong ya Botswana Premier League ya ngwaga wa 2018 go ya go 2019 morago ga go latlhegelwa go setlhopha sa Great North Tigers ka nno ele nngwe go lefela mo motshamekong wa bobedi go ya ko go wa makgaola kgang.[11] Emmanuel Thakadu o ile a gatisa nno e eleng ya gapeletsa setlhopha sa Highlanders jo setlheng se se kwa morago ba nale metsotso e mebedi motshameko o simolotse, se se ile sa netefatsa gore setlhopha sa Highlanders se fenya dikgaisano tsa First Division North.[12]

  1. "Botswana Railways Highlanders". soccerway.com.
  2. Sennamose, Olekantse (19 April 2016). "Stimela Drops to Dusty Grounds". All Africa.
  3. "Register". Retrieved 28 February 2021 – via Twitter.
  4. Kolantsho, Calistus (30 September 2011). "BR Highlanders remain unshaken". mmegi.bw. Archived from the original on 24 October 2018. Retrieved 5 July 2020.
  5. "BR Highlanders". mmegi.bw. 26 October 2015.
  6. "BR Highlanders". mmegi.bw. 26 October 2015.
  7. "beMOBILE Premiership 2015-16". Botswana Premier League.
  8. "BR Highlanders". mmegi.bw. 26 October 2015.
  9. "Highlanders woes continue". Sunday Standard.
  10. Sennamose, Olekantse (19 April 2016). "Stimela Drops to Dusty Grounds". All Africa
  11. "BR Highlanders back in the Premier League". 14 April 2018.
  12. Dube, Chakalisa (16 April 2018). "BR Highlanders secure promotion". mmegi.bw.