Makabelo Mosothoane

Mopolotiki wa Lesotho

'Makabelo Priscilla Mosothoane (o tshotswe ka ngwaga wa 1952 kwa motseng wa Kanye mo Botswana) ke mopolotiki wa lesotho o dirileng e le tona wa tsa thuto go simolola ka ngwaga wa 2012 go ema ka 2015. O berekile e le mooki le morutabana pele ga a tsena mo polotiking.

Makabelo Priscilla Mosothoane
Tona wa thuto (2012–2015)
'
2012–2015
Ka Ga Ena
O tsetswe1952
Kanye, Botswana
MokgatlhoAll Basotho Convention

Tiro ya gagwe fetola

'Makabelo kemopolotiki wa lefatshe la Lesotho yo o neng a direla jaaka Tona ya Thuto le Katiso go tloga ka ngwaga wa 2012 go fitlha ka 2015, mo pusong ya ga Tom Thabane. Pele ga a tsenelela tsa sepolotiki, o kile a bereka e le mooki le morutabana wa sekolo. Mme Makabelo gape e ne e le moeteledipele wa lekalana la Red Cross Society.

Botshelo jwa gagwe fetola

Mosothoane o tsholetswe kwa Kanye mo Botswana, mo lelapeng la setswana. Puo ya gaabo e ne e le Setswana. Mosothoane o ne a tsena sekolo se segolwane kwa Gaborone (motsemogolo wa Botswana), mme morago ga moo a wetsa dithuto tsa gagwe tsa dipoloma ya booki, a direla kwa Gaborone kwa sepateleng sa Princess Marina. O ne a fudugela kwa Lesotho go ya go ithuta kwa National University of Lesotho, a aloga ka 1982 ka Bachelor of Arts in Education. Mosothoane o ne a nna kwa Lesotho morago ga go aloga, mme a simolola jalo go bereka jaaka morutabana wa sekolo se segolwane, a ruta kwa dikolong tsa Linare le Hlotse. Ka 1987, o ne a simolola go dira kwa sekolong sa sekgoa kwa kgaolong ya Leribe, kwa a neng a tlhatloga maemo go nna mogokgo ka ngwaga wa 1991. Kwa ntle ga tiro ya gagwe mo thutong, Mosothoane o ne a tlhophiwa go nna tautona wa Lesotho Red Cross Society ka 2003.[1]

Dipolotiki fetola

Mosothoane o ne a tlhophiwa go nna leloko la Khuduthamaga ya setshaba ka ditlhopho tsa setshaba tsa 2012 e le leloko la setlamo sa Lesotho Congress for Democracy (LCD), a fenya mo kgaolong ya Hlotse. O ne a fenya Lineo Molise, yo e neng a setse a le mo pusong e le mothusa tona.[2] Morago ga ditlhopho, Mosothoane o ne a dirwa Tona ya Thuto le Katiso mo pusong e e kopaneng e e neng e dirilwe ke Tonakgolo Tom Thabane wa All Basotho Convention (ABC).[3] Ka nako ya fa a ne a le tona ya thuto, o ne a simolola kharikhulamo e ntšha ya setšhaba ya dikolo tse dipotlana, mme gape o ne a okamela go rulaganngwa ga ditlhatlhobo tsa dikolo tse dikgolwane (secondary), tse pele di neng di tsamaisiwa ke Cambridge International Examinations (mokgatlho wa kwa Boritane).[4]

Ka Ngwanatsele 2014, Mosothoane o ne a tlhomiwa gape go nna Tona ya Ditlhaeletsano le Maranyane ka maemo a go tshwarelela, morago ga go lelekwa ga ga Selibe Mochoboroane mo lephateng le. Mochoboroane o ne a supa fa go tlosiwa ga gagwe go ne go se ka fa molaong, mme a gana go tlogela tiro ya gagwe kgotsa go tlogela didirisiwa tse dingwe tsa lephata.[5] Mosothoane o ne a sutela Joang Molapo mo maemong a go tshwarelela tonakgolo ka Tlhakole 2015. Ka nako eo Mochoboroane o ne e sa ntse a ganetsa go nna mo molaong ga go lelekwa ga gagwe.[6] E re le ntswa e ne a le tonakgolo, o ne a fenngwa mo ditlhophong tsa ntlha/tekeletso tsa LCD pele ga ditlhopho tsa kakaretso tsa 2015, mme ka jalo ga a ka a nna mo setulong sa gagwe mo Khuduthamaga ya setšhaba.[7]

Bona gape fetola

Polotiki ya Lesotho

Metswedi fetola

  1. Rosenberg, Scott; Weisfelder, Richard (2013). Historical Dictionary of Lesotho. Scarecrow Press. p. 386. ISBN 978-0810879829.
  2. Zihlangu, Bongiwe (27 May 2012). "ABC, DC almost neck and neck". Sunday Express. http://sundayexpress.co.ls/abc-in-surprise-lead/. 
  3. Zihlangu, Bongiwe (16 June 2012). "New cabinet unveiled". Sunday Express. http://sundayexpress.co.ls/new-cabinet-unveiled/. 
  4. Matope, Tsitsi (23 December 2013). "Revamp of the education system mooted". Lesotho Times. http://www.lestimes.com/revamp-of-the-education-system-mooted/. 
  5. Tefo, Tefo (10 November 2014). "Thabane sues Mochoboroane". Sunday Express. http://sundayexpress.co.ls/thabane-sues-mochoboroane/. 
  6. Mohloboli, Keiso (5 February 2015). "Molapo barred from ministry office". Lesotho Times. http://www.lestimes.com/molapo-barred-from-ministry-office/Mohloboli. Tempolete:Dead link
  7. Mohlobli, Keiso (1 January 2015). "LCD continues to grow". Lesotho Times. https://www.pressreader.com/lesotho/lesotho-times/20150101/281509339601003.