Mariama Mamane ke mankge wa tshomarelo tikologo ebile ke moenjenere go tswa kwa lefatsheng la Niger.[1][2][3]

Mariama Mamane
Tsalo
Alma materUniversity of Niamey
LephataJacigreen
O itsegi kaAgricultural and ecological engineering

Mamane o simolodisitse kompone ya Jacigreen mme a fenya dikgele di le mmalwa tsa go tlhama sesha mo tirong ya gagwe ya go tlhabolola dimela le diphologolo tse di nnang mo dinokeng.

Botshelo jwa pele le thuto fetola

Mamane o tshotswe ke mme o o nang le dithutego tsa master's degree in life and earth sciences.[4]

Mamane o goletse fa nokeng ya Niger kwa toropong ya gaabo ya Niamey, mme ka ngwaga wa 2020 o ne a nna kwa Burkina Faso. [5][4]O na le dithuto tsa degree mo go mefuteng ya ditshedi le tlhokomelo ya tikologo go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Niamey.[4]

Tsa tiro fetola

Ka ngwaga wa 2016, Mamane o ne a fenya sekgele sa bogwebi sa Entrepreneurial Journey go tswa kwa go ba International Institute for Water and Environmental Engineering (e e itsegeng gape ka 2iE)[6] mme a simolola kompone ya Jacigreen[2][7] a e kwadisa kwa Ouagadougou.[8][9] Kwa Jacigreen ba bereka ka go fetola semela sa hyacinth go nna manyoro le menontshane le ditukisi tsa tlholego.[1][2] Ditukisi tse di dirisiwa go fetlha motlakase.[2]

Ka ngwaga wa 2016, Mamane o ne a fenya sekgele sa mmamoratwa wa baatlhodi kwa African Rethink Awards.[4]

Ka ngwaga wa 2017, Mamane o ne a neelwa sekgele sa United Nations Environment Programme sa Young Champions of the Earth.[1][6] Sekgele se e ne e le sa madi a di dolara tsa America di le lesome le botlhano jwa dikete.[10][11]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 Moyouzame, Aisha (7 March 2020). "Au Niger, Mariama Mamane transforme les plantes nuisibles en électricité et en biogaz". aniamey.com. Retrieved 2022-02-20.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 "Persistence pays: powering a green economy". UNEP. 2019-07-23. Retrieved 2022-02-20.
  3. "Jacigreen : la dépollueuse du fleuve Niger". BBC News Afrique (in French). 2017-05-01. Retrieved 2022-02-20.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 "A Ouagadougou, une élève ingénieure veut produire de l'électricité avec la jacinthe d'eau". Le Monde.fr (in French). 2016-11-29. Retrieved 2022-02-20.
  5. "UN Environment Young Champion of the Earth for Africa: Mariama Mamane". UNICEF Global Development Commons. Retrieved 2022-02-20.
  6. 6.0 6.1 "Produire de l'énergie à partir de la jacinthe, le projet "Jacigreen" de Mariama Mamane". Commodafrica. 2017-12-11. Retrieved 2022-02-20
  7. "Mariama Mamane | CoalitionWILD". Coalition Wild. Retrieved 2022-02-20.
  8. "When invasive plants produce some great ideas!". Living Circular. Retrieved 2022-02-20.
  9. "Magugu maji ni kula yangu, ni mtaji wangu - Mariama Mamane". Habari za UN (in Swahili). 2019-07-30. Retrieved 2022-02-20.
  10. "Meet UN's 'Young Champions Of The Earth'". NDTV.com. Retrieved 2022-02-20.
  11. "Environnement : La nigérienne Mariama Mamane, championne de la terre pour l'Afrique - leFaso.net". lefaso.net. Retrieved 2022-02-20.