Lefoko le matshwenyegong le tswa go lefoko le, matshwenyego le le lona le tswang mo lefokong le tshwenyega. Go tshwenyega go tshwana le go se itumele, mowa wa gago o le mokgarakgatshegong kgotsa o le kwa tlase. Motho fa a le mo motshwenyegong go raya gore ga a na boitumelo mo pelong.Batho bangwe fa ba le mo matshwenyegong, ba bua ba le esi go se ope yo ba ka buang maikutlo a bona le bone. Go le go ntsi re bua re re batho ba ba leng mo matshwenyegong ba bua ka pelo. Matshwenyego a tliswa ke dilo di le dintsi, segolo thata, malwetsi, go tlhoka madi, go tshwenngwa ke bana ba sa utlweleleng, ba sena tsebe, e le tota. Fa o le motswadi bana ba gago ba sa go utlwelele, o ka nna o le mo matshwenyegong, segolo jaang fa o sena yoo o ka go thusang, gongwe yoo o ka go buelelang le bone.