Mme Maureen Nkeiruka Mmadu o tshotswe ka Motsheganong a le malatsi a supa mo ngwageng wa Sekete le makgolo a robabongwe masome a supa a supa le botlhano (born 7 May 1975), kwa Onitsha, kwa lefatsheng la Nigeria. Ke Mokatisi wa kgwele ya dinao ko Nigeria. O tshamekile ele mo magare a lebala ka nako fa ele motshameki wa bolo. Ka nako fa ele motshameki, o ne a tshamekela Avaldsnes IL, setlhopha se se ko leroleng ko lefatsheng la Norway. O tshameketse mo liking ya Toppserien, le ditlhopha tse di mo liking ya Damallsvenskan ko lefatsheng la Sweden ebong Linköpings FC le QBIK.

Maureen Mmadu
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Maureen Nkeiruka Mmadu
Letsatsi la tsalo (1975-05-07) 7 May 1975 (age 48)
Lefelo la tsalo Onitsha, Nigeria
Bolele 1.78 m (5 ft 10 in)
Maemo Midfielder
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
Ado Babes
Pelican Queens
Jegede Babes
IL Sandviken
Klepp IL
2006 QBIK
2007 Linköpings FC
2008 Amazon Grimstad
2010 Kolbotn IL
2011–2013 Avaldsnes IL
Setlhopha sa setshaba
1993–2011 Nigeria 101
*Metshameko ya gagwe le dinno

Botshelo le Pereko fetola

Mme Maureen Nkeiruka Mmadu o kile a tshamekela Klepp_IL, setlhopha se se mo liking ya Toppserien. Mmadu o tshameketse le setlhopha sa Kolbotn, kwa teropo kgolo ya Norway, ebong Oslo. Fa a tshamekela setlhopho sa Kolbotn, mo ngwageng wa 2010 o ne thusa go bona maemo a boraro mo liking ya Toppserien.

Pereko ya ko Mafatsheng fetola

Mme Maureen Nkeiruka Mmadu ke ke motshameki yo o tlotlegang wa setlhopha sa Setšhaba sa Nigeria, o tshameketse Nigeria makgetho a a fetang lekgolo (more than 100), go akaretsa FIFA Women's World Cup le di Olympic ngwageng ya 2000 le 2004.

Mme dipego tse di tswang ko Nigeria Football Federation di bua fa a tshameketse setlhopha sa basadi sa Nigeria, sa kgwele ya dinao makgetho a le masome a matlhano le metso e e mebedi (52).

Metswedi fetola

  1. Ikidi og Mmadu har riktige lønnsbet (in Norweigian), NRK. 13 October 2005.
  2. I played for Nigeria while my mum died
  3. FIFA Women's Century Club (PDF).