Nama
Nama ke sejo se se tswang mo di diphologolong.[1] E jewa ke batho, Bogologolo go ne go tsumiwa go bolawa diphologolo gore ba kgone go ja nama ya tsone. E rile fa tlhabologo e tsena go be go simololwa go ruiwa ga dikoko, dinku, dikolobe le dikgomo gore ba kgone go di bolaya ba je nama motlhofo.[2]
Nama e nale menontshana le mafura a a seametse mmele, e bo e jewa ka dijo e le seshabo. E kgona go jewa e le tala(segwapa), mme ka nako e ntsi e jewa e apeilwe e bo e natifisiwa ka go farologana. Nama e e sa butswang e kgona go senyega fa e sa tsidifadiwa morago ga dioura.
Go jewa ga nama go farologane lefatshe ka bophara, go tswa fela gore o wa ngwao efe kgotsa lefatshe lefe. Bangwe go tswa mo ngwaong wa bone ba kgona go nna ba sa je nama, bangwe e le mabapi le botsogo jwa bone kgotsa ngwao.
Bona gape
fetolaMetswedi
fetola- ↑ Ayyıldız, Esat. “Klasik Arap Edebiyatında Et Motifi”. International Malatya Gastronomy Culture and Tourism Conference. ed. Aynur Ismayilova – Gunay Rzayeva. 19-24. Malatya: IKSAD Publishing House, 2022.
- ↑ Lawrie, R.A.; Ledward, D A. (2006). Lawrie's meat science (7th ed.). Cambridge: Woodhead Publishing Limited. ISBN 978-1-84569-159-2.