Nijel Amos
Amos at Mannheim Competition 2012
Personal information
Height1.79 m (5 ft 10+12 in)
Weight65 kg (143 lb)
Websitenijelamos.com
Sport
SportTrack
Event(s)800 metres

Nijel Carlos Amilfitano Amos (o tshotswe ka 15 Mopitlwe 1994) ke motabogi wa sekgala se se fa gare wa Motswana[1] yo o gaisanang mo lebelong la dimetara di le 800. O ne a gapa selefera kwa 2012 Summer Olympics, e e neng e le metale wa ntlha wa Botswana wa Diolimpiki.

Botshelo jwa pele fetola

Nijel Amos o tlholega kwa motsaneng wa Marobela mo kgaolong ya Bokone Botlhaba jwa Botswana. O ne a tsena sekolo se sepotlana sa Nyamambisi Primary School kwa Marobela, Shangano Community Junior Secondary School (2007 go ya go 2009) kwa Nshakashongwe le Tutume McConnell Community College (2010 go ya go 2011).[2]

Tiro ya go taboga fetola

Maduo fetola

Mo dikgaisanong tsa 2011 African Junior Athletics Championships, Amos o ne a taboga nako ya Botswana Junior Record ya 1:47.28. Go ya pele go tokafatsa rekoto ya gagwe, Amos o ne a tswa mo maemong a botlhano mo lebelong la dimetara di le 800 kwa mabelong a selekanye a banana a 2011 (2011 World Youth Championships in Athletics.)[3]

Ka 2012 Amos o ne a tokafatsa rekoto ya gagwe ya bosetšhaba go fitlha go 1:43.11 ka nako ya kgaisano kwa Mannheim. O ne a nna mmampodi kwa 2012 World Junior Championships mo mabelong, a feleletsa a na le rekoto e ntšha ya bommampodi ya 1:43.79. Mo metshamekong ya Summer Olympics ya 2012, Amos o ne a gapa metale wa selefera mo kgaisanong ya banna ya lebelo la dimetara di le 800, metale wa ntlha wa Diolimpiki wa lefatshe la gagwe.[4] Nako ya gagwe ya 1:41.73 e ne ya tlhoma rekoto e ntšha ya lefatshe, morago ga rekoto e ntšha ya lefatshe e e tlhomilweng ke David Rudisha mme e bapile le ya ga Sebastian Coe go nna motho wa boraro yo o bofefo go gaisa botlhe.[5]

Morago ga paka ya 2013 e e neng e tletse dikgobalo, Amos o ne a boela gape mo seemong sa go ka taboga ka 2014. Kwa Prefontaine Classic ya 2014, Amos o ne a tlhoma rekoto ya metshameko le nako e e di gogang kwa pele mo lefatsheng ya 1:43.63.[6] Kwa Herculis IAAF Diamond League, o ne a tlhoma gape rekoto ya metshameko le go etelela pele mo lefatsheng ka 1:42.45.[7] A fenya Rudisha lekgetho la bobedi mo setlheng, phadisanyo e e ne ya nna e e bofefo go di feta tsotlhe ya dimetara di le 800 fa e sale ka kgaisano ya makgaolakgang ya banna ya dimetara di la 800 ya Olimpike tsa 2012. Mo Metshamekong ya Commonwealth ya 2014, Amos o ne a gapa metale wa gauta mo lebelong la dimetara di le 800 ka 1:45.18. Mo tiragalong ya maano, Amos o ne a tswa mo lebokosong go feta David Rudisha yo o tshwereng World Record mo dimetara di le 50 tsa bofelo.[8]

Mo Diolimpiking tsa Selemo tsa 2016, Amos o ne a gaisana mo lobelong la 800 m le 4x400 relay. O ne a feleletsa a le wa bosupa mo lobelong lwa gagwe lwa dimetara di le 800 mme a se ka a kgona go fetela ko legatong la makgaolakgang.[9] Setlhopha sa Botswana sa 4 × 400 m relay se ne sa fetsa mo maemong a botlhano mo kgaisanong ya makgaolakgang.[10] Amos e ne e le motshwari wa folaga ya Botswana ka nako ya Parade of Nations.[11]

O ne a fetsa mo maemong a botlhano mo lobelong lwa dimetara di le 800 kwa 2017 World Athletics Championships.

Amos o ne a taboga nako ya 1:42.14 ka selemo sa 2018 kwa Monaco Diamond League, a tsaya maemo a ntlha. E ne e le kgaisano ya gagwe e e di gaisang tsotlhe mo lobelong la dimetara di le 800 morago ga go tsaya metale wa selefera mo metshamekong ya Diolimpiki ya 2012.

Mo metshamekong ya Monaco Diamond League ya 2019, Amos o ne a taboga 1:41.89, a itaya dimetara di le 600 ka 1:15.22.

Mo Diolimpiking tsa Selemo tsa 2020, Amos o ne a gaisana mo lobelong lwa dimetara di le 800, a feleletsa a le kwa pele mo lobelong leo. Mo kgaisanong ya bofelo o ne a thulana le Isaiah Jewett, mme seo se ne sa dira gore bobedi jwa bone ba wele fa fatshe. Moragonyana Amos o ne a busediwa gape mo kgaisanong go ya makgaolakgang ka boikuelo.[12]

Go Thibelwa go Gaisana ka Ntlha ya Diokobatsi fetola

Ka Ngwanatsele a tlhola malatsi a le lesome le bobedi (12), 2022, Amos o ne a emisiwa ka nakwana mo kgaisanong ke Athletics Integrity Unit morago ga gore a tlhatlhobiwe a na le GW1516, horomone e e thibetsweng le modulator ya metabolism e e sa letlelelweng go dirisiwa mo bathong.[13]

Bona gape fetola

  • Botswana kwa 2012 Summer Olympics

Ditshupiso fetola

  1. "AMOS WRITES HIS-STORY...BREAKS BOTSWANA'S OLYMPIC DUCK". Sunday Standard. 13 August 2012. http://www.sundaystandard.info/amos-writes-his-storybreaks-botswana%E2%80%99s-olympic-duck. 
  2. Patricia, Edwin (13 August 2012). "The story of Nijel Amos". Mmegi. http://www.mmegi.bw/index.php?sid=6&aid=448&dir=2012%2FAugust%2FMonday13. 
  3. "BOPA | 04 July 2011". Archived from the original on 2011-07-12. Retrieved 2012-05-09.
  4. "Nijel Amos of Botswana wins silver, Timothy Kitum of Kenya wins bronze in men's 800-meter race – london2012.com". Retrieved 9 August 2012.
  5. "800 Metres – men – senior – outdoor". iaaf.org. Retrieved 30 October 2014.
  6. "Surprise, Nijel Amos steals away with the Prefontaine Classic 800 meters". The Oregonian. Retrieved 30 October 2014.
  7. Mike Rowbottom. "Kiplagat and Amos are surprise packages in Monaco Diamond League meeting". insidethegames.biz – Olympic, Paralympic and Commonwealth Games News. Retrieved 30 October 2014.
  8. "David Rudisha is beaten by Nijel Amos in 800m final at Commonwealth Games as Hampden Park witnesses shock". Telegraph.co.uk. 31 July 2014. Retrieved 30 October 2014.
  9. "Rio 2016". Rio 2016. Archived from the original on 2016-08-26. Retrieved 2016-08-25.
  10. "Rio 2016". Rio 2016. Archived from the original on 2016-09-22. Retrieved 2016-08-25.
  11. "The Flagbearers for the Rio 2016 Opening Ceremony". 2016-08-16. Retrieved 2016-08-25.
  12. "No hard feelings: Amos and Jewett tangle, finish together". Associated Press. 1 August 2021. Retrieved 2 August 2021.
  13. "Olympic medallist Nijel Amos suspended for doping". Canadian Running Magazine. 2022-07-13. Retrieved 2022-07-13.

Dikarolo tse di kwa ntle fetola

Tempolete:S-start Tempolete:S-ach Tempolete:S-bef Tempolete:S-ttl Tempolete:S-inc Tempolete:S-sports Tempolete:Succession box Tempolete:S-end