Kapa Bokone

nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe la Aferika Borwa
(Go tswa ko Northern Cape)

Kapa Bokone ke nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe la Aferika Borwa. Ke yone kgaolo e tona fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe mo lefatsheng la Aferika Borwa. E kgaogana melelwane ya boditshaba le mafatshe a Botswana le Namibia. Kgaolo e e agilwe ka ngawaga wa 1994 fa kgaolo ya Cape e ne e kgaogana. Toropokgolo ya yone e bidiwa Kimberley. E akaretsa lefelo la diphologolo la Kalahari Gemsbok National Park, nngwe ya mafelo a a pataganetsweng ke lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le le sireleditseng diphologolo.Lefelo le le akaretsa maphothophotho a Augrabies gape le moepo wa Kimberley yo o mo kgaolong le Alexander Bay.Kgaolo ya Namaqualand e e mo bophirima e itsege thata ka ditlhatsana le dithunya tse di mo lefelong la Namaqualand. Toropo e e mo borwa ya De Aar le Colesberg, mo lefelong la Karoo, ke tsone tse di lomaganyang ka tsa mesepele le dipalamo go ya kwa toropong ya Johannesburg, Cape Town le Port Elizabeth. Mo bokonebotlhaba, Kuruman o itse ga lefelo le go neng go nna barongwa ba mafatshe a sele. Noka ya Orange e elela e fetla ka lefelo le, e aga molelwane fa gare ga Free State mo borwabotlhaba gape le lefatshe la Namibia mo bokonebotlhaba. Metsi a noka e a dirisiwa thata go nosetsa maungo mo kgaolong ya Upington[2].

Kapa Bokone
Northern Cape (Sekgoga)
Noord-Kaap(Afrikaans)
Mntla-Kapa (Sethosa)
Flag of Kapa Bokone
Motto(s): 
Sa ǁa ǃaĩsi 'uĩsi (Strive for a better life)
Northern Cape, Aforika Borwa
Northern Cape, Aforika Borwa
NagaSouth Africa Aforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshateKimberley
Dikarolwana
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloSylvia Lucas
Area
[1]:9
 • Palo gotlhe372,889 km2 (143,973 sq mi)
Highest elevation
2,156 m (7,073 ft)
Lowest elevation
0 m (0 ft)
Ditlhopha tsa Batho [1]
 • Bantsho50.4%
 • Basweu7.1%
 • MaKhalathi40.3
 • MaIndia0.7%
Maleme [1]
 • Afrikaans53.8%
 • Setswana33.1%
 • Sethosa5.3%
 • Sekgoga3.4%
 • Sesotho1.3%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-NC
Websitewww.northern-cape.gov.za

Puo e e buiwang fetola

Palo ya batho ba ba buang puo ya Seburu e fetla palo ya batho ba ba buang dipuo tse dingwe mo lefelong le bogolo jang mo kgaolong ya Bokonebotlhaba jwa Cape go nale dikgaolo tse dingwe. Dipuo tse di tumileng ebile di dirisiwa thata fa go buiwa mo bokone jwa Cape di akaretsa Seburu, Setswana, Sexhosa, gape le Sekgowa. Bontsi jwa ba bangwe ba buwa dipuo tse di tumileng mo Aferika Borwa, mme ba bangwe ke ba Khoisan[3].

Popego lefatshe fetola

Kgaolo ya Cape e dikagenyeditswe ke ditlhaba tse ditona, mme se se baka gore go nne sereme. Lefelo le tshwantshangwa le mafatshe a mangwe a tshwana le la Germany. Se se itumedisang ka lefelo le ke gore le letona gape le bo le nna le batho ba le bantsi[4].

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-04-30.
  2. http://en.wikipedia.org/wiki/Orange_River
  3. http://en.wikipedia.org/wiki/Khoisan_languages
  4. http://en.wikipedia.org/wiki/List_of_cities_and_towns_in_the_Northern_Cape

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Diporofinsi mo Aforika Borwa  
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima