Osama bin Mohammed bin Awad bin Laden (10 March 1957 go fitha 2 May 2011), o gape a twaelesegileng ka leina la Usama bin Ladin, e ne e le mothabani o o tsholetsweng kwa Saudi Arabia e bile e le mosimolodi wa mokgatlho wa ntwa wa Pan-Islamic al-Qaeda.[7][8] Setlhopha se se tlhalosiwa jaaka setlhopha sa batlhabani ke United Nations Security Council, North Atlantic Treaty Organization (NATO), European Union, le mafatshe a farologaneng. Ka fa tlase ga bin Laden, al-Qaeda e ne e le yone e dirileng ditlhaselo tsa September 11 kwa lefatsheng la Amerika le ditlhaselong tse dingwe tse dintsi tsa batho ba le bantsi go ralala lefatshe ka bophara.[9] Ka Motsheganong 2 2011, o ne a bolawa ke masole a a kgethegileng a lefatshe la Amerika kwa lefelong la gagwe kwa Abbottabad, Pakistan.[10][11]

Osama bin Laden
أسا‌مة بن لا‌د‌ن
Bin Laden, c. 1997–98
1st General Emir of al-Qaeda
In office
11 August 1988 – 2 May 2011
Pele Ga GagwePosition created
Morago Ga GagweAyman al-Zawahiri
Ka Ga Ena
O tsetsweOsama bin Mohammed bin Awad bin Ladin[1]
(1957-03-10)10 Mopitlwe 1957
Riyadh, Saudi Arabia
O Tlhokafetse2 Motsheganong 2011(2011-05-02) (aged 54)
Abbottabad, Khyber Pakhtunkhwa, Pakistan
O Bolaile KeGunshot wound to the head
Moagi WaSaudi Arabian (1957–1994)
Bolele1.95 m (6 ft 5 in)[6]
Mo/Bakapelo
(m. 1974; separated 2001)
Khadijah Sharif
(m. 1983; div. 1990)
Khairiah Sabar
(m. 1985)
Siham Sabar
(m. 1987)
Amal Ahmed al-Sadah
(m. 2000)
Bana20–26; including Abdallah, Saad, Omar, and Hamza
Batsadi
Ba lolapaBin Laden family
ReligionIslam (Wahhabism/Salafism)[2][3][4][5]
Military service
Allegiance
Dingwaga tsa tiro1984–2011
RankGeneral Emir of al-Qaeda
Battles/warsSoviet–Afghan War

War on terror

E ne ele leloko la lelapa le le humileng la ga Bin Laden, Osama bin Laden o tsholetswe kwa Saudi Arabia. Rraagwe e ne e le Mohammed bin Awad bin Laden, mohumi wa Saudi yo o tswang kwa Hadhramaut, Yemen, le mosimolodi wa komponi ya go aga, ya Saudi Binladin Group. Mmaagwe, Alia Ghanem, o ne a tswa mo lelapeng la maemo a a fa gare kwa Latakia, Syria. O tsene sekolo kwa yunibesithing mo nageng eo go fitlha ka 1979, fa a ne a tsena mo masoleng a Mujahideen kwa Pakistan a lwa le Soviet Union kwa Afghanistan. O ne a thusa go duelela Ba-Mujahideen ka go tsamaisa dibetsa, madi, le batlhabani go tswa kwa lefatsheng la Baarabia go ya kwa Afghanistan, mme a tuma thata mo Baarabia ba le bantsi. Ka ngwaga wa 1988, o ne a dira al-Qaeda.

O ne a kobiwa kwa Saudi Arabia ka 1992, a latlhegelwa ke boagi jwa gagwe kwa Saudi ka ngwaga wa 1994, mme a fudusetsa leloko la gagwe kwa Sudan go fitlha kgatelelo ya US e mo pateletsa go tsamaya ka 1996. Morago ga go tlhoma leloko le lesha kwa Afghanistan, o ne a bolola ntwa kgatlhanong le United States, a simolola metseletsele ya dibomo le ditlhaselo tse di amanang le tsone. Go nna le seabe ga gagwe mo go thuntshiweng ga dibomo kwa boemeding jwa United States ka 1998 go ne ga dira gore a tsenngwe mo lenaaneng la American Federal Bureau of Investigation's (FBI) la Ba-Fugitives ba ba Lesome ba ba Batliwang thata le Borukhutlhi ba ba Batliwa thata.[12]

Bin Laden o ne a etelela pele ditlhaselo tsa September 11, tse di neng tsa bolaya batho ba ka nna 3000 mme tsa dira gore tautona George W. Bush a tlhasele Afghanistan le go simolola Ntwa. O ne a nna setlhogo sa go batliwa ga batho ka dingwaga di le lesome tsa boditšhabatšhaba, FBI e ne ya baya $25 million mo tlhogong ya gagwe.[13]

Leina fetola

Ga go letelelwe lefatshe ka bophara go ranolela mafoko a Searabia le maina a Searabra ko sekgoweng; le fa go ntse jalo, leina la ga bin Laden gantsi le tsewa jaana "Osama bin Laden".

Metswedi fetola

  1. Davies, William D.; Dubinsky, Stanley (2018). Language Conflict and Language Rights: Ethnolinguistic Perspectives on Human Conflict. Cambridge University Press. p. 74. ISBN 978-1-107-02209-6.
  2. Fair, C. Christine; Watson, Sarah J. (18 February 2015). Pakistan's Enduring Challenges. University of Pennsylvania Press. p. 246. ISBN 978-0-8122-4690-2. Archived from the original on 31 January 2016. Osama bin Laden was a hard-core Salafi who openly espoused violence against the United States in order to achieve Salafi goals.
  3. Brown, Amy Benson; Poremski, Karen M. (18 December 2014). Roads to Reconciliation: Conflict and Dialogue in the Twenty-first Century. Routledge. p. 81. ISBN 978-1-317-46076-3. Archived from the original on 31 January 2016.
  4. Osama Bin Laden (2007) Suzanne J. Murdico
  5. Armstrong, Karen (11 July 2005). "The label of Catholic terror was never used about the IRA". The Guardian. https://www.theguardian.com/politics/2005/jul/11/northernireland.july7. 
  6. "Usama BIN LADEN". FBI.gov. Archived from the original on 26 May 2016. Retrieved 5 October 2015.
  7. "Usama Bin Laden". Rewards for Justice. 29 December 2006. Archived from the original on 29 December 2006. Retrieved 11 September 2022.
  8. "FBI – USAMA BIN LADEN". 25 September 2012.
  9. "Death of Osama bin Ladin". Pakistani Ministry of Foreign Affairs. 1 May 2011. Retrieved 9 January 2012.
  10. "Ten Most Wanted Fugitives 401 to 500". Federal Bureau of Investigation. Retrieved 10 October 2019.
  11. "USS Carl Vinson: Osama Bin Laden's Burial at Sea". ABC News. 1 May 2011. Retrieved 1 May 2011.
  12. "FBI Ten Most Wanted Fugitives". FBI.gov. Archived from the original on 3 January 2008. Retrieved 26 May 2010.{{cite web}}: CS1 maint: bot: original URL status unknown (link).
  13. "Fbi – Usama Bin Laden". Fbi.gov. 7 August 1998. Retrieved 15 May 2011.