Phuthego ya Botswana Movement for Democracy

Botswana Movement for Democracy (BMD ) ke phuthego e ntsha ya sepolotiki mo Botswana. E similodisitswe ka ngwaga wa 2010 ke mapalamente gape le mapolotiki mangwe ba ba ikgaotseng go tsweng mo phuthegong e e busang ya Botswana Democratic Party ka go tlhoka kutlwisisanyo le Ian Khama, moeteledipele wa BDP gape e le tautona wa Botswana.[1] [2] E ne e le yone phuthego ya ntlha go kgaogana le BDP, e e saleng e busa Botswana a tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966. Moeteledipele wa yone ke Gomolemo Motswaledi, yo o tlhophilweng ka Motsheganong a tlola ga bedi,ngwaga wa 2011 ka nako ya fa phuthego e simolodisiwa. Botsalo Ntuane, yo eleng mopalamente wa kgaolo ya Gaborone bophirima le borwa gape e le moeteledipele kwa palamenteng, o ne a tlhopiwa go nna mothusa tautona wa phuthego eo. Sydney Pilane, yo o ntseng a direla a le mo ofising ya ditogamano le botsalano jwa batho e sale e simolodisiwa, o ne a latlhegelwa ke tlhopho mo go tautona wa puthego ebong Motswaledi.[3]

Dikgogakgogano tsa phuthego fetola

Phuthego ya BMD e simolotswe go farafarwa ke dipuo tse di ganang go fela.Se se tla morago ga gore tautona wa phuthego ebong Gomolemo Motswaledi a isiwa kgotla kgolong ya ditsheko go arabela melato ya gagwe.

dikgoge tsa kwa ntle fetola

Botswana Movement for Democracy Botswana Democratic Party


Dipadi tse dingwe. fetola

  1. New party formed in Botswana, Southern Times , 30 April 2010
  2. Botswana Breakaway Party Launched in Split With Khama, Bloomberg Businessweek, 29 May 2010
  3. The Battle for BMD,Botswana Guardian , 3 May 2011

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Tempolete:Africa-party-stub