Polandball , a itsege gape ka leina countryball , ke motswedi wa tiriso ya maranyane a entenete o o simolodisitsweng mo /int/ bolokong jwa German jwa leitlho la phutlhego ya Krautchan.net mo bogologolong jwa sephatlo sa ngwaga wa 2009. Tiriso ya maranyane a e bonagadiwa that ka dipalo tse di kwa godimo ka dilo tse di kgatlhisang mo maranyaneng a entenete, mo mafatshe a supiwa ka popego e e kgolokwe mo gantsi go amanang le mokwalo wa sekgowa o o sa lolamang , gantsi go buiwa ka dilo tse di kgatlhang ka mafatshe le gone ka fa a tsalanyang le amangwe lefatshe ka bophara. Motlhale o wa go dilo tse di kgatlhang o ka nna wa bitswa Polandball (le fa go ntse go sena moanelwa wa setshwantsho wa Poland) le countryball (kgotsa, ka kakaretso, countryballs).

User-generated representation of Polandball.

Modi wa kgangkgolo fetola

Polandball o nale modi e sale ka kgwedi ya Phatwe ngwaga e le wa 2009 'mo ntwengkgolo ya tiriso ya maranyane a entenete' gareng ga badirisi ba maranyane a entenete ba Polish le lefatshe ka bophara mo drawball.com. Tomagano e ya maranayane, e neela badirisi ba maranyane a Internet go tshwantsha, le gone go tshwantsha mo ditshwantshong tsa batho ba bangwe. Mo Inteneteng ya lefatshe la Poland , kakanyo e ne ya ntshiwa ya go tshwantsha folaga ya lefatshe la Poland mme boididi jwa batho bo ne jwa kokoana mme ba tla lefoko la "POLSKA" le kwadilwe mo bogareng.[1][2]

Krautchan.net ke teme ya Sejeremane e kgolaganyo ya /INT/ e dirisiwang ke babui ba sekgowa ba netizen . Tshimolodiso ya maranyane a a kgatlhisang a Polandball e filwe Falco , leloko la Brit mo /INT/, yo erileng ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2009 a ileng a dirisa maranyane a go tshwantsha a dirisa MS Paint mme a se mo kgatlhegong ya tsa polotiki go kwala ka Wojak ,mong ka bone yo e leng leloko gantsi a ne a kwala sekgowa se se sa tlhapang, mo erileng morago ditshwantso tsa Polandball di eleng tsa tshwantshiwa ke monni mongwe yo o tlholegang kwa Russia.[1][3][4]

Kgangkgolo fetola

 
An example of a Polandball comic, featuring Estonia and the Nordic countries.

Ditlamelo tsa Polandball, tse simolotseng go itsege mo itsegeng ga go thubega ga Smolensk mo go bolaileng tautona wa lefatshe la Poland ebong Lech Kaczyński,go emetse lefatshe la Poland le ditso tsa lone , botsalano le mafatshe a mangwe ,gape le ditshwantsho dingwe [3][5] tse di itebagantseng le lefatshe la Poland le ditiragalo kgotsa dingwe dilo tse di seyong gape le dilo tse dingwe tsa lefatshe tse di kopakopaneng.[2] Dikamano gareng ga countryballs di tshabelelwa ke go kwalwa ka skgowa se se sa lolamang mme gape le puo nngwe e e dirisiwang mo maranyaneng a Internet e e sa lolamang , fa go tshwantshangwa le setshwantsho sa Lolcat , le kwa bofelong jwa setshwantsho sa Poland, se se takilweng ka bohibidu mo godimo ga Bosweu kwa godimo ka bomo (se se dirilweng mo folageng ya lefatshe la Poland), se supilwe o kare go a lela.[1][2]

Bakgathisi bangwe ba Polandball comics ba tswa kwa dikagong tseo ba tlhalosa gore Russia o ne a kgona go fofela mo loaping ,fa Poland ene a ka se kgone go dira jalo. Ngwe ya ditshantsho tse di tumileng tsa Polandball di simolola ka go supa gore lefatshe le tlile go thubakiwa ke lentswe le tona go tsweng kwa loaping,mme se se ele le kwa mafatsheng a a nang le tiriya ya maranayane a boemelo jwa difofane tse di yang jwa loaping go tlogela lefatshe le bo le sala le akgegile mo phefong. Kwa bofelong jwa setshwantsho,Poland a ntse a le mo lefatsheng wa lela , mme ka sekgowa se sa lolamang go bo go kwalwa mokwalo mongwe o o kgatlhang o o reng "Poland cannot into space".[3] Poland, mo bogompienong o tenegile,o buwa mafoko a aboima kurwa , mme ebile gape ba tlhalosa gore maranyane a Intenete a dirisiwe dilo tse di tlhwaafetseng ka mokwalo o o reng "Internet serious business", o eleng mokwalo yo o dirisiwang mo Inteneteng go kgalemela badirisi ba bangwe, mme Poland a wetsa ka go lela[1][2][6]

Di Countryballs tse dingwe fetola

 
A user-generated representation of Britain in Polandball-style

Polandball o ka tsenya ditshwantsho tse dingwe mo mafatsheng a mangwe ,mme fa di fetlolwa di sala fela di ntse di emela Polandball,[1] le fa ntswa di ka bitswa countryballs.[4] Go ya ka Lurkmore., Bavariao nale bolo ya gagwe , mme tse dingwe di diretswe mafatshe a tshwana U.S. states, Catalonia le Siberia, go akaretsa a mangwe. Singapore o tshwantshitswe mme o bitswaTringapore; Israel ene a bitswa Kazakhstan (go emela tumelo ya Sejuta ; Kazakhstana tsaya popego ya setena ; fa Britain a supilwe ka go rwala hutshe le monocle.[7]


References fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 Orliński, Wojciech (16 January 2010). "Wyniosłe lol zaborców, czyli Polandball" (in Polish). Gazeta Wyborcza. http://wyborcza.pl/1,86116,7462232,Wyniosle_lol_zaborcow__czyli_Polandball.html. Retrieved 25 March 2012. 
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Zapałowski, Radosław (15 February 2010). "Znowu lecą z nami w... kulki" (in Polish). Cooltura. Archived from the original on 24 July 2014. https://web.archive.org/web/20140724071152/http://elondyn.co.uk/newsy,wpis,7731. Retrieved 22 March 2012. 
  3. 3.0 3.1 3.2 Kapiszewski, Kuba (13/2010). "Fenomem - Polska nie umieć kosmos" (in Polish). Przegląd. http://www.przeglad-tygodnik.pl/pl/artykul/fenomem. Retrieved 26 March 2012. 
  4. 4.0 4.1 "Polandball". Knowyourmeme. Retrieved 26 March 2012. {{cite web}}: Check date values in: |accessdate= (help); line feed character in |accessdate= at position 3 (help)
  5. Cegielski, Tomek (12 April 2011). "MEMY. Legendy Internetu" (in Polish). Hiro.pl. Archived from the original on 15 April 2011. https://web.archive.org/web/20110415014502/http://hiro.pl/magazyn/magazyn_zjawiska/memy.html. Retrieved 24 March 2012. 
  6. "Polandball cartoon". Unknown. Unknown. Retrieved 26 March 2012. {{cite web}}: Check date values in: |date= (help)
  7. "Int" (in Russian). Lurkmore.to. 26 December 2011. Archived from the original on 21 April 2021. Retrieved 27 March 2012.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola