Refilwe Tholakele

Refilwe Tebogo Tholakele ( a tshotswe 26 Firikgong 1996) yoo abokwang go twe Seven[1], ke motshameki wa kgwele ya dinao wa motswana yoo tshamekang jaaka monosa dinno mo setlhopheng sa bomme sa Mamelodi Sundowns le sa Botswana sa sechaba sa bomme.[2][3][4]

Botshelo jwa Pele fetola

Tholakele o simolotse go tshameka kgwele ya dinao ya kgaisano ka ngwaga wa 2007. Fa ale dingwaga di le lesome le boraro oile a bitswa kwa ikatisong ya  setlhopha sa Botswana sa makgarejwana aa dingwaga di kwa tlase ga lesome le bosupa ,koo mokatisi Jacqueline  Gaobinelwe a mo fileng Leena la “Seven” morago ga go tlhopha sekipa sa nomoro ya bosupa le gore one a dira mophato wa bosupa[1] ka nako eo.

Tiro ya gagwe le ditlhopha fetola

Township Rollers

Ka ngwaga wa 2014, Tholakele oile a tsena mo tumalanong le setlhopha sa Township Rollers[1] sa bomme.

Malabo Kings FC

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2022, Tholakele oile a tsena mo tumalanong ya ngwaga le setlhopha sa Equatorial Guinea sa Malabo. Gaa tsaa nako epe fela ee kalo abo a setse a kgaogane le setlhopha ka mabaka a dituelo tse di neng ditla morago ga nako le bonno jo bo sa  nametseng.[5][6]

Mamelodi Sundowns Ladies

Tholakele oile a tsena mo tumalanong le setlhopha sa bomme sa Mamelodi Sundowns seo se mo legeng ya bo mme ya SAFA ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2023.[7] Oile a nosa nno mo motshamekong wa gagwe wa ntlha fa bane ba fenya setlhopha sa University ya Johannesburg ka nno tse tharo go lefela(3-0).[8]

Baile ba fenya bosimega jwa Aforika jwa bomme jwa setlha sa ngwaga wa 2023 (CAF  Women’s Champions), Tholakele ele mongwe wa bao ba neng ba akareditswe mo setlhopheng sa kgaisano.[9]

Tiro mo setlhopheng sa sechaba fetola

Tholakele ene ele moeteledipele kana mokapotene wa setlhopha sa bomme sa sechaba sa Botswana sa makgarejwana aa kwa tlase ga dingwaga tse di masome mabedi.[1]

Dinno tse adi nositseng fetola

No Date Venue Opponent score Results Competition
4-1 2016

Women's Africa cup Of Nations qualifications

1-1 2017 COSAFA

Women's Championship

1-0 2020 COSAFA

Women's championship

2-1
7-0 2022 COSAFA Women's

Africa Cup of Nations qualification

Dikgele fetola

setlhopha

CAF Women's Championship League: 2023

Motshameki

CAF Women's Championship League Team of the Tournament: 2023

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 "Dazzling Tholakele makes firm statement". Mmegi. 29 July 2022. Retrieved 3 April 2024
  2. Botswana touring Slovakia ahead of Banyana clash". Samuel Ahmadu. Goal. 6 August 2019. Retrieved 3 April 2024
  3. COSAFA Women's Championship: Botswana name provisional squad". Kick442. 16 October 2020. Retrieved 3 April 2024
  4. Female Zebras In Historic COSAFA Final". Portia Mlilo. TheVoicebw. 12 November 2020. Retrieved 3 April 2024
  5. Makhaiza, Larona (24 February 2023). "'Freedom' looms for Seven, Odinga". Mmegi. Retrieved 3 April 2024.
  6. Khutsafalo, Boitumelo (7 October 2022). "BFA awaits official report on Tholakele, Mochawe". Mmegi. Retrieved 3 April 2024.
  7. Mollo, Tlotlisang (19 May 2023). "Jerry Tshabalala on Sundowns Ladies' new signing". FARPost. Retrieved 3 April 2024.
  8. Mfundisi, Mimi (16 May 2023). "Mamelodi Sundowns Ladies regain top spot". SApeople.com. Retrieved 3 April 2024.
  9. "CAF Women's Champions League, Cote d'Ivoire Best Xl confirmed". CAF. 22 November 2023. Retrieved 22April 2024

Magokaganyi aa kwa Ntle fetola

Refilwe Tholakele at Soccerway