Roberta Frank (o tshotswe ka 1941) ke moitseanape wa puo wa kwa Amerika [1]yo o itsegeng thata ka puo le dibuka tsa Seesemane sa Bogologolo le Se-Norse sa Bogologolo. Ke porofesa ya Marie Borroff Emeritus ya Seesimane [2] kwa sekolong se se golwane sa Yale.

Frank o ne a amogela dikirii ya B.A. ya go bapisa dibuka kwa New York University ka 1962 le Ph.D. ya go bapisa dibuka kwa Harvard University ka 1968. Thutopatlisiso ya gagwe ya bongaka e ne e bidiwa Wordplay in Old English Poetry. [3]Frank o ne a ruta kwa sekolong se se golwane sa Toronto go simolola ka 1968, go tloga ka 1978 jaaka porofesa wa leruri[4] le go tloga ka 1995 jaaka Moporofesara wa sekolo se se golwane . O ne a abelwa Guggenheim Memorial Fellowship ka 1985.[5]Kwa Toronto, o ne a nna le seabe mo porojekeng ya Dictionary of Old English mme a direla jaaka Mokaedi wa Centre for Medieval Studies (1994 - 99).

Ka ngwaga wa 2000, o ne a tsena mo Lefapheng la Puo ya Seesimane le Dikwalo kwa Yunibesithing ya Yale, la ntlha e le Douglas Tracy Smith Professor wa Seesimane mme morago, ka ngwaga wa 2008, e le Marie Borroff Professor wa Seesimane. Gape ke motlhatlheledi yo mogolo wa patlisiso kwa MacMillan Center for International and Area Studies. [6] Frank o ne a tlhophiwa go nna leloko la Medieval Academy of America ka 1989, a direla jaaka Tautona wa Academy eo ka 2006, le go nna leloko la Royal Society of Canada ka 1995. O ne a nna motlhami wa International Society of Anglo-Saxonists (jaanong ke International Society for the Study of Early Medieval England) ka 1981 a direla jaaka Motlatsa-Moporesidente wa Ntlha (1985-1986), morago a nna moporesidente wa yona (1986-87).

Botshelo jwa gagwe

fetola

Frank o tsholetswe kwa Bronx. O nyetswe ke mokwalahisitori wa dingwaga tsa bogare Walter Goffart.

Metswedi

fetola
  1. Frank, Roberta (1997-01-01). "The Unbearable Lightness of Being a Philologist". The Journal of English and Germanic Philology. 96 (4): 486–513. JSTOR 27711570
  2. "Roberta Frank | English". english.yale.edu. Retrieved 2016-03-10.[1]
  3. "PhD Dissertations". complit.fas.harvard.edu. Retrieved 2016-03-10.[2]
  4. "PhD Dissertations". complit.fas.harvard.edu. Retrieved 2016-03-10.
  5. "John Simon Guggenheim Foundation | Roberta Frank". www.gf.org. Retrieved 2018-11-30.[3]
  6. "Roberta Frank | The MacMillan Center". macmillan.yale.edu. Retrieved 2016-03-10.[4]