Shaka KaSenzangakhona (c. July 1787 – 22 September 1828), o itsegeng gape ka leina la Shaka Zulu (Zulu pronunciation: [ˈʃaːɠa]) le Sigidi KaSenzangakhona ke motlhami wa Letso la BaZulu go tsa ko 1816 goya ko 1828. Ke ene o tlhotheleditseng bogosi jwa BaZulu.

Kgosi Shaka kaSenzangakhona
1824 Setshwantsho sa kakanyetso se se dirilweng ke motaki wa mo European artist's impression of Shaka. Ditshwantsho tsa nnete ga di itsiwe.[1]
Reign1816–1828
Tsaloc. Thakole 18 1787
Mthethwa Paramountcy (tsatsi leno go bapile le Melmoth, KwaZulu-Natal, South Africa)
Leso22 September 1828 (age 41)[2]
KwaDukuza, Kingdom of Zulu
RraagweSenzangakhona kaJama
MmagweNandi
Se se bakileng lesoo bolailwe
Resting placeKwaDukuza, South Africa
29°20′24″S 31°17′40″E / 29.34000°S 31.29444°E / -29.34000; 31.29444

Shaka o tsholetswe mo lunar ka kgwedi ya uNtulikazi (Phatwe) ka ngwaga wa 1787 kwa Melmoth, Profense ya KwaZulu-Natal ke ngwana wa kgosi ya baZulu Senzangakhona KaJama. Ke ngwana o seng ka fa tlase ga lenyalo. Shaka o goletse ko legaeng la mmagwe, kwa a neng a ropisiwa mo ibutho lempi (mokgatlho o lwang) a dira e le mogaka ka fatase ga Dingiswayo.[3]

Botshelo fetola

E rile Sengzangakhona KaJama (Borragwe Shaka Zulu) baswa ka 1816, monnawe Shaka Sigujana kaSenzangakhona a tsaya bogosi ka e ne ele ngwana wa kgosi, lefa go ntse jalo o ne a tlogela mo sebakeng se sekhutshane , jaaka Dingiswayo a batla go tsaya bogosi, o ne a fa Shaka sebaka gore a kgone go ka bolaya Sigujana. Le fa Shaka a ne a tsaya bogosi.

Leso fetola

Dingane kaSenzangakhona le Mhlangana, bo monnawe Shaka, ba ne ba setse ba kile ba leka go mmolaya makgetlho a kanna mabedi pele ga ba ka kgona. Go diragetse ka bonako nyana morago ga leso la ga mmage. Nandi, o tlhokafetse ka Phalane 1827, ebile leso la gagwe le bakilwe ke botho jwa ga Shaka bo bo neng bo sa nna sentle. Shaka o bolailwe batho ba le bararo go gongwe ka 1828; O ne a setse a ithoisetse ba le bantsi.

Metswedi fetola

  1. Johanneson et al. 2011, p. 150.
  2. Morris 1994, p. 107.
  3. "History of Shaka (Tshaka), King of the Zulu". bulawayo1872.com. Retrieved 15 September 2014.