Sheillah Molelekwa


Sheillah Molelekwa (o tshotswe ka 26 November 1992) ke motshameki wa bontle wa Botswana yo o neng a rwesiwa serwalo sa Miss Universe Botswana 2012 mme a emela Botswana mo kgaisanong ya Miss Universe ya 2012.[1][2][3][4]

Sheillah Molelekwa o ne a rwesiwa serwalo sa Miss Universe Botswana 2012 ka nako ya kgaisano ya ngwaga le ngwaga e e neng e tshwaretswe kwa Gaborone International Convention Center (GICC) ka Phalane ale malatsi ale lesome le bone ka ngwaga wa 2012, a fenya batshameki ba bangwe ba le 11. Ka nako ya kgaisano, o ne a dira diaparo tsa bosetšhaba tse di nang le sekhurumelo sa tlhogo le seme, se se neng sa dira lenaane la dimakasine tsa Time la Most Bizarre National Costumes.[2]

Botshelo jwa gagwe fetola

Morago ga go gola le mmaagwemogolo mo motsaneng o monnye, o ne a fudugela kwa Gaborone go ya go nna le mmaagwe. O ithutela Accounting kwa Botho College ka tsholofelo ya go nna morulaganyi wa madi.[5]

Ditshupiso fetola

  1. "Sheillah Molelekwa". Miss Universe. Archived from the original on 5 September 2014. Retrieved 8 September 2014.
  2. 2.0 2.1 "2012 Miss Universe costumes". http://style.time.com/2012/12/19/photos-miss-universe-2012s-most-bizarre-national-costumes/slide/miss-botswana-sheillah-molelekwa/. 
  3. "Sheillah Molelekwa, Botswana". Archived from the original on 11 April 2015. https://web.archive.org/web/20150411164132/http://www.latimes.com/zap-miss-universe-2012-swimsuit-pictures-20121-009-photo.html. 
  4. "Miss Botswana 2012, Sheillah Molelekwa, poses in her evening gown.". http://www.seattlepi.com/entertainment/slideshow/Miss-Universe-2012-contestants-in-portraits-53815/photo-3879774.php. 
  5. "Unveiling Faces Behind the 2012 Miss Universe Beauty Contest | Naija Infotainment". Archived from the original on 2014-09-17. Retrieved 2014-09-17.

Dikarolo tse di kwa ntle fetola