Sua Flamingoes FC Ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa kwa Sowa mo Botswana, mo bo gompeino se tshameka kwa Botswana Premier League. Ba tlhatlhositswe maemo go ya kwa setlheng sa top division of Botswana football ka ngwaga wa 2020.

Ditso fetola

Setlhopha sa Flamingoes se feditse ka maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa 2018 second division kwa nne go tshwaretswe metshameko ya tlhatlhoso maemo morago ga go latlhegelwa go setlhopha sa Prisons XI[1]

Setlhopha sa Flamingoes se fentse dikgaisano tsa 2020 Division One North morago ga go latlhaganya lebakeng la go tlhagoga ya mogare wa COVID mme ba feletsa ba tlhatlhositswe maemo kwa premier league ele lantlha[2]Rre David Bright o ne a tsaya marapo a go nna mookamedi go tswa go Raizor Tsatselebebe, o ne a etelela setlhopha sa Flamingoes gore se felele se tlhatlhositswe maemo ka Ngwanatsele mo ngwageng wa 2020.[3]

Setlhopha sa Flamingoes se hirile Serbian Nikola Kavazovic mo gare ga setlha sa dikgaisano tsa 2022 morago fa go gatisa maduo a kwa tlase ka fa tlase mookamedi wa lefatshe la Zimbabwe Rahman Gumbo se se ile sa bone setlhopha se se le mo maemong wa bobedi go tswa kwa tlase morago ga metshameko ele lesome le botlhano[4] Rre Kavazovic o ne a etelela setlhopha se go fitlhela se tsaya maemo a borebobedi pele ba tsamaya morago ga dikgweedi tse thataro ba ntse ba tshwere maemo a.[5]

  1. "Sua Flamingos host first leg of playoffs". BFA. 5 May 2018.
  2. Mosekiemang, Kenneth (23 June 2020). "Why BFA Ended the League". Weekend Post.
  3. "Bright set to join Sua Flamingos". Weekend Post. 25 November 2020.
  4. "Gumbo fired at Botswana club Sua Flamingoes". New Zimbabwe. 6 December 2022.
  5. Boranabi, Kabelo (28 June 2023). "Kavazovic dumps Flamingoes, Ramoreboli stays put". Mmegi.