Technical and Vocational Training Corporation

Technical and Vocational Training Corporation (Arabic: المؤسسة العامة للتدريب التقني و المهني‎) (TVTC) ke instithushene ya thuto/katiso ya kwa Saudi Arabia. E nnile teng go tloga ka di 23 Seetebosigo 1980, e na le makala mo metse setoropo yotlhe e megolo mo Saudi [1]

Kingdom of Saudi Arabia
Technical and Vocational Training Corporation (TVTC)
المؤسسة العامة للتدريب التقني و المهني
Agency overview
Formed1980; 44 years ago (1980)
JurisdictionSaudi Arabia
HeadquartersRiyadh Tempolete:Country data KSA
Agency executive
  • Ahmad Al-Faheed, Governor
Websitehttp://tvtc.gov.sa

Segologolo fetola

TVTC, Technical and Vocational Training Corporation, e e neng mo peleng e itsegala ka leina la General Organisation for Technical Education and Vocational Training (GOTEVOT), ke ketapele mo kabelanong ya katiso mo Pusong ya Saudi. Ka dikholetshe le di instithushene go kgabaganya Nagapuso ya Saudi Arabia, TVTC e abela bakatisiwa ba ka palo ba ka feteng 120,000 mo mafelong a ka palo a fetang 100.  [citation needed]

Sebopego le dithulaganyo fetola

TVTC e tshwarelela tshwaraganyo le dinaga tsotlhe tse di botlhokwa tseo di abelanang ka bonatla/botswerere mo TVT (Technical and Vocational Training), bogolo-jang Australia, Canada, France, Germany, Great Britain, Malaysia, New Zealand le The United States of America.  [citation needed]

Khoophoreishene e engwe tlhogong ke mmusi, yo o thusiwang ke setlhopha sa bathusa mmusi. E wela ka fa tlase ga kgaolo-puso ya Lefapha la Thuto (Ministry of Education) mme motlotlegi Tona ke e na Modula-setulo wa Board.  [citation needed]

TVTC e tsentse tirong thulaganyo ya koketso e e masisi mme e ikaelela go bula dikholetshe tse ntshwa tse ka palo di ka fetang tse 50 mo mengwageng e e lesome.  [citation needed]

Al-Watania Poultry Institute of Technology (WIT) ke instithushene ya tsa thuto e e tlhomilweng ke TVTC le Al-Watania Poultry Co.  [citation needed]

Boikao bo bo ntshwa jwa TVTC fetola

Ka fa tlase ga botshegetsi ba Tona ya Thuto le Modula-setulo wa Board wa Technical and Vocational Training Corporation, ngaka Ahmed bin Mohammed Al-Eissa, Mmusi wa Technical and Vocational Training khoophoreishene, ngaka Ahmed Bin Fahad Al-Fahaid o simolotse boikao bo bo ntshwa jwa TVTC new identity a ba a phatlhalatsa ka ga ditlhamo tse mmalwa kwa moletlong o o neng o tshwaretswe kwa International Aviation Technical College ka letlha la 5 Tlhakole 2018.[2]

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Metswedi fetola

  1. "UNESCO-UNEVOC Network Portal". Retrieved 2019-02-26.
  2. "TVTC unveils new identity and vision" (in English). 2018-02-07. Retrieved 2019-02-26.{{cite web}}: CS1 maint: unrecognized language (link)