Thailand semmuso e bidiwa Bogosi jwa Thailand mme hisitori e e itsiwe jaaka Siam (leina la semmuso go fitlha ka 1939), ke naga e e kwa Borwabotlhaba jwa Asia mo Pheninsuleng ya Indochina. E na le baagi ba ba ka nnang dimilione di le 66, e akaretsa sebaka sa dikilometara tse di kwadrata tse di le 513,115 (198,115 sq mi). Thailand e na le melelwane ya naga le Myanmar kwa bokonebophirima, Laos kwa bokonebotlhaba le botlhaba, Cambodia kwa borwabotlhaba, Malaysia kwa borwa, le Lewatle la Andaman kwa borwabophirima; e na le melelwane ya lewatle le Vietnam kwa borwabodikela le Indonesia le India kwa borwabhirima. Bangkok ke motsemogolo wa naga le toropo e kgolo go di feta tsotlhe.[1]

  1. "Capital City". The Government Public Relations Department. Retrieved 2024-06-01.