Thuto Isago Trust

Tempolete:Notability

Lefelo la Gantsi mo Botswana
Lefelo la Gantsi mo Botswana

Lefelo fetola

Thuto Isago Trust e bonwa mo dikagong tsa BNYC kwa kgotleng ya White City mo Gantsi (Ghanzi), Botswana.

Ditso fetola

Thuto Isago Trust e ne e itsege pele ka leina la Gantsi Task Force on Out of School Youth (GTFOSY) mme go tsweng ka nqwaga wa 2004 go ya kwa go wa 2008 e ne ya amogela mananeo ka ba Reducing Exploitive Child Labour in Southern Africa (RECLISA) batlhami ba United States Department of Labor. [1] Mokgatlho o o fiwa dithuso go tsweng kwa UNICEF mo Botswana.

K ngwaga wa 2007, Thuto Isago Trust e ne ya tshwara moletlo wa bothibelelo o o neng o bidiwa Cuiskurusa o o neng o nale batseneledi ba le 250 ba ba neng ba robala kwa mantlong a borobalo a sekolo ses es potlana sa K'Joe Primary School kwa New Xade mo Botswana. Ka ngwaga wa 2008, ba ne ba tshwara moletlo o mongwe gape kwa Metsimantsho,mo Botswana.

Ponelopele fetola

Ponelopele ya Thuto Isago Trust ke go bo ba nale bana botlhe ba kgaolo ya Ghanzi mo dikolong, le gone go fokotsa dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo ka boimana. Mokgatlo o o iketleditse go nela bana ba letso ka go farologana dithuto tse di malebang mo kgaolong ya Ghanzi.

Maitlamo fetola

Maitlamo a Thuto Isago Trust ke go dirisanya sentle le makalana a puso gape le ba NGO mo kfgaolong ya Ghanzi mo go kwadiseng le go tsenya bana dikolo. Fa re tswelela, mokgatlho o o ruta bana dithuto tse di amanang le ngwao ka merafe ya bone ka go farologana.

Dintlha tsa botlhokwa fetola

Dintlha tsa botlhokwa tsa Thuto Isago Trust ke:

•G oketsa palo ya baithuti ba ba simololang sekolo mo kgaolong ya Gantsi bogolo jang mo dithutong tsotlhe (go fitlha ka dithuto tse dikgolwane tsa lekwalo la boraro ) go fitlha selekanyo sa masome a bosupa mo lekgolong sa baithuti.

•Go tshegetsa palo ya selekanyo sa masome a bosupa mo lekgolong sa baithuti mo dikolong.

•Go atlolosa dipuisano le batsadi le gone go tsibosa batsadi ka botlhokwa thuto ka diphuthego tse di tshwarwang, ba ikgolagantse le badiredi ba mo kgaolong , ba lephata la S&CD, RADP ,thuto gape le NGOs.

•Go fa dithuto tsa ithutelo tiro tse di maleba go kopanya botlhokwa jwa thuto ya mo motsaneng jaaka (.dithuto tsa temo thuo, dithuto tsa maranyane)

•To improve communication between teachers, parents and children.

Dipadi tse dingwe. fetola