Transcendent Kingdom

Transcendent Kingdom ke buka ya bobedi ya mokwadi wa lotso lwa Ghanaian-American Yaa Gyasi, e gatisitswe ka ngwaga wa 2020 ke Alfred A. Knopf. Buka e e fitlhetswe mo Literary Hub e le buka e e tlhageletseng ga lesome le bosupa e le buka e e gaisitseng ka ngwaga wa 2020.[1]

Transcendent Kingdom
Setshwantsho:Transcendent Kingdom (Yaa Gyasi).png
Cover of first edition
MokwadiYaa Gyasi
Audio read byBahni Turpin
LefatsheUnited States
TemeEnglish
ModiriAlfred A. Knopf
Letsatsi le dirilweng ka lone
September 1, 2020
Media typePrint (hardcover and paperback), e-book, audio
Pages288
ISBN978-0-525-65818-4 (hardcover)
OCLC1119065931
813/.6
LC ClassPS3607.Y37 T73 2020

Tshoboko fetola

Buka e e setse morago Gifty o o leng dingwaga di le masome mabedi le boferabobedi, moithuti wa ngwaga ya botlhano wa tsa boboko (neuroscience) kwa Stanford University, le mmagwe wa lotso lwa Ghanian-American, o o lwalang kgoberego ya maikutlo.

Fa a dira ditekeletso tsa patlisio ya gagwe mo dipebeng, Gifty o lelediwa a bolelelwa fa mmaagwe a sa ikutlwe sentle. O kopa gore mmagwe a tsisiwe kwa go ene gore a kgone go mo tlhokomela, mme o fekeediwa ke go gakologelwa nako ya ntlha mmagwe a a nna mo seemong seo fa Gifty a le dingwaga di le lesome le motso.

Mmagwe Gifty le rragwe o neng batho ba mmitsa "The chin-chin man" ka lorato, e ne e le batho ba kwa Ghana mme ba nyalane ba ntse ba le batona. Ba ne ba na le ngwana wa mosimane o o botlhale a bidiwa Nana, mme morago ga a sena go belegwa, mmagwe Gifty o ne a fudugela kwa Huntsville Alabama go batla botshelo bo bo botoka, kwa ntsalae a tsenang sekolo teng . Mmagwe Gifty o ne a patelesega go bereka ditiro tse e seng tsa sepe, morago a tlhokomela balwetsi ba ba godileng ba ba neng ba le lesotlo ebile ba kgetholola batho ka lotso. Rragwe Gifty o ne a fudugela kwa America go nna le lolwapa lwa gagwe mme o ne a kgona go bona tiro e le mophepafatsi.

Gifty o ne a tsholwa moragonyana ga dingwaga, mmaagwe a ne a sa mo solofela.

Lolwapa lo ne lo itshetletse mo mphong ya ga Nana ya mabelo le go nna mokeresete o o ineetseng thata ga ga mmagwe, golo mo Gifty a go anywileng. Chin-Chin man o ne a boela kwa Ghana ka maikaelelo a go ya a boa, mme o ne a seka a tlhola a boa. Nana o ne a tlogela bolo ka a ne a amegile ke go bo rragwe a ba tlogetse, mme a tsena mo go tsa baseketebolo. Morago ga go golafala lengenana mo motshamekong, o ne a fiwa dipilisi tsa opiods mme a tloga a tshwakgolwa ke dipilisi tse,a dirisa le heroin go ritibatsa dikeletso tsa gagwe. Fa Gifty a le dingwaga di le lesome le bongwe, kgaitsadie o a tlhokafala ka go bo a dirisitse dipilisi phetelela, mmagwe o fuduega maikutlo, a nna a robetse ebile a sa kgone go itlhokomela. Morago ga go leka go ipolaya, Gifty o patelesega go batla thuso, o romelwa kwa Ghana go nna le mmangwaneagwe fa mmagwe a santse a sidilega, morago a boa le rragwe.

Loso lwa ga Nana le go leka go ipolaya ga ga mmagwe Gifty go ntsha Gifty mo tumelong. Ka ele moithuti o o botlhale, o tsena dikolo tse ditlotlegileng a bo a itlhopela go ithutela tsa boboko a ithuta ka go tshwakgolwa ke dilo. O nna le bothata le go bua ka maikutlo a gawe, o palelwa ke go thusa mmaagwe, ka jalo o kopa mmereki ka ene go mo thusa mo maitekong a go tlhokomela mmagwe.

Mo isagong, morago ga mmaagwe Gifty a tlhokafala, Gifty o jaanong a nyetsweng o atlegile mo maranyaneng, o na le lab ya gagwe a bo a tswelela ka go tsena kereke.

Kamogelo fetola

Buka e amogetse dikgalaletso morago ga go gatisiwa.[2] The Washington post e e biditse 'buka e e kgatlhisang thata".[3] USA Today yone yare "e utlusa botlhoko thata"[4] fa Vox e e file dinaledi tse tharo le sephatlo mo go tse tlhano.[5] Buka e e amogetse kgalaletso go tswa kwa The New York Times book Review,[6] The New Yorker,[7] The Boston Globe,[8] The Guardian,[9] Chicago Review Books[10] le The New Republic.[11]

Dietsele fetola

"Inscape" fetola

Ka ngwaga wa 2015 mo makasineng wa Guernica,[15] Gyasi o ne a gatisa polelo-khutswe e bidiwa "Inscape", e mo go yone go tlhagelelang baanelwa ba ba mo bukeng ya Transcendent Kingdom, mme ditiragalo tsa bone di le pharologanyo. Mo "Inscape" Gifty o dingwaga di le masome a mane le bongwe, ke morutuntshi wa sekgoa kwa Gerard Manley Hopkins, ga se ngaka ya boboko e e dingwaga di masome mabedi le borataro, bolwetsi jwa ga mmagwe jwa tlhaloganyo bo keketse, Gifty o rata tsala ya gagwe Anne le go gaisa, mme ebile ga a na kgaitsadie.

Metswedi fetola

  1. Temple, Emily (2020-12-15). "The Ultimate Best Books of 2020 List". Literary Hub. Retrieved 2021-01-04.
  2. "Book Marks reviews of Transcendent Kingdom by Yaa Gyasi". Book Marks. Retrieved 2022-12-06.
  3. Charles, Ron (August 25, 2020). "Yaa Gyasi's 'Transcendent Kingdom' is a book of blazing brilliance". The Washington Post. Retrieved 24 October 2020.
  4. VanDenburgh, Barbara (September 1, 2020). "Review: Yaa Gyasi's 'Transcendent Kingdom' a profound story of faith, addiction and loss". USA Today. Retrieved 24 October 2020.
  5. Grady, Constance (September 9, 2020). "In the ruminative new novel Transcendent Kingdom, a neuroscientist searches for the soul". Vox. Retrieved 24 October 2020.
  6. Freudenberger, Nell (August 31, 2020). "In Yaa Gyasi's New Novel, a Young Scientist Tries to Understand Her Family's Pain". The New York Times. Retrieved 9 May 2023.
  7. Wood, James (September 7, 2020). "Yaa Gyasi Explores the Science of the Soul". The New Yorker. Retrieved 9 May 2023.
  8. Mengiste, Maaza (September 3, 2020). "Faith and fury in 'Transcendent Kingdom'". The Boston Globe. Retrieved 9 May 2023.
  9. Collins, Sara (February 24, 2021). "Transcendent Kingdom by Yaa Gyasi review – a profound follow-up to Homegoing". The Guardian. Retrieved 9 May 2023.
  10. Saleem, Rabeea (September 10, 2020). "Generational Trauma and Reconciliation in "Transcendent Kingdom"". Chicago Review of Books. Retrieved 9 May 2023.
  11. Wilson, Jennifer (November 6, 2020). "Yaa Gyasi Versus the Identity Trap". The New Republic. Retrieved 9 May 2023.
  12. "2021 Winners". Andrew Carnegie Medals for Excellence. 18 October 2020. Retrieved January 12, 2021.
  13. "Première sélection du Prix Médicis 2020 : 15 romans français dont "Yoga" d'Emmanuel Carrère et 13 ouvrages étrangers en lice". France Info (in French). 14 September 2020. Retrieved 24 November 2020.
  14. Flood, Alison (2021-04-29). "Women's prize for fiction shortlist entirely first-time nominees". the Guardian. Retrieved 2021-04-29.
  15. Gyasi, Yaa (June 15, 2015). "Inscape". Guernica (The Boundaries of Taste). Retrieved 14 August 2021.