Trichillia emetica

Trichillia Emetica ke setlhare mo sikeng la Meliaceae, se se itsegeng kana tlwaelesegile ka leina la Natal Mahogany(motsikiri/ motsikiri ka setswana). Ke setlhare se se nnang sele setala,[1] matlhare a mantle a matala a phatsimang ebo se ipopa jaaka sekhukhu. Se ngoka dinotshi le dinonyane ka lenko la sone le le monate la dithunya.

Mehuta fetola

Trichillia emetica e mehuta mebedi ebong  emetica le suberosa T. emetica ssp. Emetica  e bonwa fela mo kgaolong ya borwa jwa Aforika fa suberosa yone e bonwa kwa bokone jwa noka ya Zambezi.

Kanamo fetola

Setlhare se sebonwa thata mo thoko ga melapo le mo dikgweng go tswa kwa kgaolong ya Kwazulu Natal mo Aforika Borwa go ya go tsena mo kgaolong tsa Aforika tse disa fiseng thata(tropical Africa).[2]

Tlhaloso fetola

Trichillia emetica ke setlhare se se nnang sele setala,se ka nna fa gare kana sa gola thata go tshwara boleele jwa  masome a mabedi le botlhano a dimethara mme ebile peo e namagadi le e tonanyana ya setlhare se e farologane. Ke setlhare se se kitlaneng kana se se nnang lesuthu ebo se phatlalala se ipopa jaaka sekhukhu.Matlhare a sone kwa godimo a matala a phatsima ka dintlha tse  okareng dia dikologa kana tsedi tswetsweng kwa ntle di supile, kafa tlase se ka patlalala kana sa kitlana, dikala tse di mo thoko di nameletse bophara jwa lesome le motso go tsena lesome le boferabobedi jwa dimethara. Dithunya tsa setlhare se di botala jo bo bokgomoto, di nkga monate. Setlhare se Trichillia emetica, se simolola go thunya gotswa ka kgwedi ya Phatwe go fitlhela ka Ngwanatsele. Leungo la sone le bopegile jaaka pilisi e phuthetseng bopinyana mo teng,le a thubega go bonale bohibidu[3] le thaponyana tse dintsho mo teng. Leungo le leka nna dimilimethara dika nna lesome le borobabobedi goya go tse di masome mabedi le botlhano bophara, di farologane le tse di selekanyo sa lesome goya go lesome le botlhano boleele. Leungo le le ferosa dibete kana leka kgwisa ke ka moo le setlhare se biditsweng ka teng.

Ditshwantsho fetola

Metswedi fetola

  1. Trichilia emetica". www.plantzafrica.com. Retrieved 2016-05-02
  2. Trichilia emetica Vahl". Kew Science, Plants of the World Online. 2017. Retrieved 28 February 2021
  3. "Trichilia emetica". www.plantzafrica.com. Retrieved 2016-05-02

Magokaganyi aa kwa Ntle fetola

Media related to Trichilia emetica at Wikimedia Commons

Trichilia emetica in West African Plants - Photo guide