Tshabong kgotsa Tsabong ke kgaolo e e kwa lefatsheng la Botswana. Kgaolo e e kwa Kalahari Desert. Palo ya batho e ne e le 8,939 ka palo batho ya ngwaga wa 2011.[1]

Tsabong
Motse wa Tsabong
Motse wa Tsabong
Country Botswana
DistrictKgalagadi District
Palo batho
 (2001)
 • Total8,939

Kokelo e e potlana e thusa batho ba le bantsi mo lefelong le legolo, ba ba amilweng ke kgotlholo e tona ba akaretsa batshabi ba ba batswakwa le ba malwapa a bone ba ba kgonang go nna koo bantse ba tsaya kalafi e telele ya balwetsi ba baeti.

Ipelegeng

fetola

Go bolelwa fa lenaneo la Ipelegeng le ntsha maduo a mantle fela thata kwa motseng wa Tsabong.Mo nakong e, lenaneo leo le thapa badiri ba ka nna masome a fera bobedi, ba ba fapaanelang tiro kgwedi le kgwedi.Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Moswetsi Golaolwang kwa phuthegong ya go neelana megopolo, e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Tsabong.Mme Golaolwang o ne a tlhalosa gore bontsi jwa batho ba ba thapilweng ke bomme ka ntlha ya gore ke bone ba ba tshabelewang ke go tlhoka ditiro.Mme Moswetsi o ne a tlhalosa le gore ba kgonne go tsenya motlakase mo matlong a le matlhano mo go a le lesome kwa botlhabatsatsi jwa motse wa Tsabong.O ne a supa gore dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang natso ke ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa go gokela motlakase.

O ne a tlhalosa gore matlo ao a tlaa hirisediwa setshaba mme go tlaa lebiwa thata batho ba ba tswang kwa ntle ga motse wa Tsabong.O ne a bega le gore ba ikaelela go aga matlwana a boitiketso kwa kgotleng le go thusa bangwe mo motseng.O ne a kopa setshaba go tlhopha maloko a a ka dirang tiro ka botswerere.Banni ba ne ba supa fa ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mme ba supa fa ba eletsa gore palo ya ba ba thapiwang e ka oketsegela kwa go lekgolo.Ba ne ba solofetsa fa ba tlaa thusa mo kagong ya matlwana a boitiketso a kgotla.

Twantsho lehuma

fetola

Kgosi ya motse wa Tsabong, Rre David Toto II a re morafe o leboga kemonokeng ya badirelapuso jaaka ba tsweletse ka go thusa go tlhabolola matshelo a ba ba kobo dikhutshwane. Kgosi Toto II o buile jaana a amogela babereki ba ba neng ba kokoane mo kgotleng ya Tsabong ka Sontaga go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la babereki, a re dikomiti tsa maphata a puso ka go farologana di tsweletse ka go thusa puso go lwantsha lehuma ka go agela batlhoki, go ba lemela masingwana le go ba gokelela metsi mo malwapeng. Kgosi Toto II a re keletso ya gagwe ke go bona babereki ba tsweletse ka ditiro tse tsa bopelotlhomogi. Kgosi Toto a re se se botlhokwa ke gore ba kgaogana bonnyennyane jo ba bo amogelang, le setshaba le fa bosheng ba supile fa bo sa lekana mme ba felela ba ngadile ditiro sebaka sa dibeke tse pedi. A re go itshupa sentle gore ba na le maikaelelo a go thusa puso go nyeletsa lehuma.

Le fa go ntse jalo Kgosi Toto II o gakolotse babereki gore ba se ka ba itebala jaaka ba le mo mafelong a a farologaneng ba thusa setshaba, ba itse fa go le botlhokwa go itirela gore ba seka ba fetoga bakopi isago. O supile gore babereki ba nna lobaka ba sa direle kwa magaeng a bone, ka jalo go botlhokwa gore ba bule matlho mme ba dirise sebaka se ba se filweng jaaka ba nna mo mafelong ka go farologana go latedisa metlhala ya khumo. O kopile badirelapuso gore ba tlhabolole matshelo a bone mme ba lebalebe metswedi mengwe ya botshelo e e ka ba thusang morago ga go tlogela tiro, e seng go emela lemmenyana la phenshene fela.Le gale Kgosi Toto II a re ba tshwanetse ba ele tlhoko e se re gongwe ba inaakanya le tse di kgatlhanong le melao ya pereko mme tsa tsosa dikgotlhang. Kgosi Toto II o gakolotse bodiredi jwa maphata a isang ditirelo kwa morafeng gore ba itse botlhokwa jwa go nna ba buisana le setshaba fa go na le diphetogo dingwe mo tsamaisong ka jalo a ba rotloetsa go nna ba ikopanya le boeteledipele jwa motse e leng magosi le dikomiti tsa ditlhabololo go tshwara diphuthego.

O kopile babereki gore le fa ba tsweletse ka go buisana le puso ka koketso ya dituelo, ba tswelele ba dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana le go tlhomamisa gore ditirelo tse di fiwang morafe di tla ka nako e bile di na le boleng.Mo go tse dingwe tse di amanang le letsatsi la babereki, modulasetilo wa BOFEPUSU kwa Tshabong, Rre Johannes Motsamai a re o tshwenngwa ke gore le fa letsatsi la babereki le le botlhokwa mo go kalo, bontsi jwa bone go lebega ba sa kgatlhegele go inaakanya le segopotso sa lone. Rre Motsamai a re babereki ba tshwanetse ba lemoge gore bangwe ba latlhegetswe ke matshelo ba lwela ditshwanelo tsa mmereki, le gore letsatsi la babereki le amogelwa ka fa molaong. A re o tshwenngwa ke gore babereki ba tsena dikokoano tsa letsatsi leo ka dipalo tse di felelang mo seatleng, a supa gore monongwaga letsatsi le, le tshwerwe ka nako e babereki ba ngadileng tiro, ka jalo go le botlhokwa gore ba le tsene ka dipalo tse dintsi gore ba kgone go fiwa tekodiso ka maikaelelo a makgotla a babereki go tswelela pele morago ga ngalo ditiro.

E rile a lekodisa ka ngalo ditiro e e ntseng e tsweletse, Rre Motsamai a re go lebega mohiri a ne a seka a sala morago melawana e e neng e beilwe go laola malatsi a a lesome a ngalo ditiro ka go na le dikgang tsa gore mapodisi a ne a dirisiwa go kgweetsa dikoloi tsa dikokelo fa barutabana bone ba ne ba tlogetse go ruta mme ba inaakantse le go apeela baithuti mme tse tsotlhe di le kgatlhanong le melawana e e beilweng.O supile gape gore mo mafelong mangwe makhanselara a ne a thulana le babereki ba ba ngadileng tiro ka ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le tshwetso e mme ba ba kopa go boela ditirong.A re le fa ba sepodisi ba latotse dikgang dingwe, go ne ga nna le bangwe babereki ba ba neng ba supa gore ba ne ba tshosediwa ka ba ngadile tiro.

Metswedi

fetola
  1. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Retrieved 2013-09-11.