Vera Okolo o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le matlhano 1985 ke motshameki wa kgwele ya dinao wa kwa Nigeria yo o tshamekang mo setlhopheng sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa basadi sa Nigeria. O ne a tshamekela Delta Queens mo kgaisanong ya basadi ya Nigeria.[1]

Vera Okolo
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Vera Okolo
Letsatsi la tsalo (1985-01-05) 5 January 1985 (age 39)
Lefelo la tsalo Nigeria
Setlhopha sa setshaba
Nigeria

Tiro ya go tshameka fetola

Boditšhabatšhaba fetola

Okolo o ne a tsenngwa mo setlhopheng sa Diolimpiki tsa 2004 ke mokatisi Isamaila Mabo. Morago ga metshameko o ne a tlhophiwa go nna motshameki wa kgwele ya dinao wa basadi wa ngwaga mo Afrika mme seetsele se sa fiwa Perpetua Nkwocha.[2]

O ne a tshameka kwa Algiers ka 2007 mme a tsenya bolo e e fentseng motshameko. Okolo e ne e le mongwe wa ba neng ba gana go boa go tswa kwa Algiers go fitlha ba duelwa. Ba ne ba solofeditswe madi fa ba boela kwa Nigeria, mme boitemogelo bo ne jwa ba bolelela gore ditsholofetso di ka se ke di diragadiwe. Motshameki mongwe le mongwe mo setlhopheng o ne a duelwa madi a kana ka $1m ya Nigeria ke Tautona.[3]

Okolo o ne a nna le dikgogakgogano le ba Nigerian Football Association morago ga go gobala a tshamekela lefatshe la gagwe ka nwgaga wa 2007. O ne a batla kalafi mme ga nna le dikgogakgogano mo go reng o tlaa duelelwa ke mang.[4]

Metswedi fetola

  1. Vera Okolo, Sports Reference, e dirisitswe ka 2 Tlhakole 2016
  2. Okolo seeks help for injury, Oluwashina Okeleji, Sedimonthole 2007, BBC, e tserwe ka 2 Tlhakole 2016
  3. Vera Okolo, Vanguardngr.com, e tserwe ka 2 Tlhakole 2016
  4. Okolo seeks help for injury, Oluwashina Okeleji, December 2007, BBC, e tserwe 2 Tlhakole 2016