Boikaelelo jwa Wikipedia ke go solegela babadi molemo ka go tshola tshedimosetso ka ga makala otlhe a kitso. Wikipedia e e rulagantsweng ke Wikimedia Foundation, e na le tshedimosetso e e ka rulaganngwang ka kgololesego, e ditlhogo tsa yone gape di nang le di-link di le dintsi go kaela babadi go bona tshedimosetso e e oketsegileng.

E kwadilwe ka tirisanommogo ke baithaopi ba ba sa itsiweng, mongwe le mongwe yo o nang le Internet mme a sa thibelwa, a ka kwala le go dira diphetogo mo ditlhogong tsa Wikipedia (kwantle ga mo mabakeng a a lekanyeditsweng a mo go one go tlhabololwa go thibetsweng go thibela go kgoreletsa kgotsa go senngwa ga dithoto).