Wikipedia:Today's featured article

Gaborone, Sekgowa /ˌɡæbəˈrn/ or /ˌxɑːbəˈrn/), ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Kgosi Gabarone) Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana e na le palo ya batho ba ba 191,776 tse di gatisitsweng ka ngwaga wa 2006 go ya ka dipatlisiso, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.


Toropo ya Gaborone e fithelwa magare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, ko ntlheng ya borwabotlhaba jwa Botswana, gape e le gaufi le mololwane wa Aferika borwa. Toropo e e dirisa lebala la difofane la Sir Seretse Khama. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs .

Ka gonne toropo e ga ene mathata a merafe gape e gaufi le metsi a a phepa, toropo e e agetswe go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960s fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, le bo le nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, tse di bitswang mafelo a marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso a. Toropo e e nggwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aferika borwaka ngwaga wa 1980. ►Read more