Oluwayemi "Yemi" Adenuga (nee Solaru) ke lepolotiki la letso la Nigerian-Irish, mogokaganyi wa tsa baagelani gape e le mmueledi wa merero ya tsa tekatekanyo. Ka Motsheganong, ngwaga wa 2019, o ne a nna mme wa ntlha go tlhophiwa go emela sechaba ko Ireland mo Meath County Council. O theile gape, mananeo a thutuntsho, a bomme le banana, a nna moanelwa-mogolo mo thulaganyong ya thelebishine Gogglebox Ireland, a bo a dira ele mogasi wa seromamowa le thelebishine.

Oluwayemi Adenuga
Adenuga in 2012
Meath County Council
Assumed office
Motsheganong 2019 (2019-05)
Ka Ga Ena
O tsetsweNigeria
MokgatlhoFine Gael
Mo/BakapeloDeji Adenuga
ThutoLiverpool John Moores University, University College Dublin

Botshelo jwa pele le thuto fetola

Adenuga o tshotswe kwa Nigeria, [1] a bo a golela mo toropong, kwa ntle ga Lagos. [2] E ne e le ngwana wa lesome le borataro, mo go ba ba masome a mabedi le bosupi, ba rre yoo neng a nyetse bomme ba le basupa. [1] Ka 2020, Adenuga o ne a bolelela Irish Independent, "Ke goletse mo diemong tse eleng gore, ke le mosetsana, ke ne ke sa fiwe sebaka." [1]

Adenuga o feditse dithuto tsa gagwe tsa Diploma in Business Studies ka 2008, tsa Bachelors of Business Studies ka 2010, le tsa post-graduate certificate ka 2016, kwa University College Dublin. [3] O feditse dithuto tsa MBA kwa Liverpool John Moores University. [4]

Tiro fetola

Adenuga o berekile ele mogasi wa seromamowa le thelebishene ko Nigeria, dingwaga di le lesome, pele a fudugela kwa Ireland ka 2000. [5]Ka 2004,[6] morago ga go fudugela kwa Ireland le ba lelwapa la gagwe,[7][8] a seka a bona tiro mo madirelong a tsa kgaso, mme ae bona mo go tsa accounting. [5]

Adenuga o ne a nna moanelwa-mogolo mo thulaganyong ya matshelo a batho ya Googlebox Ireland, dingwaga di le nne pele faa ka ya kwa ofising ya botlhophi.[9] [10] Morago ga go tlhagafala mo bonning jwa Navan dingwaga, pele o ne a gana tiro go tswa ko Fine Gael go tsenelela sepolotiki, mme morago a fetola mogopolo ka 2019, a nna mme wa ntlha ele motho montsho go tlhophiwa moemedi wa secahaba kwa Ireland, gape ele mokhanselara wa ntlha go fuduga mo Meath County Council. [9] Adenuga o rile, o ne a sa solofela lebelo faa dumela go tsena mo ofising, mme a itemogela kgethololo faa ntse a le mo letsholong la tlhopho "Seo ka bosone ya bo ele lebaka tota la gore ke tsepame go fenya." [1]

Morago fela ga ditlhopho, a ikgolaganya le mokhanselara Hazel Chu mo go lweleng go tsaa kgato go emisa kgethololo ya letso le mmala. [11] Ka 2020, morago ga polao ya ga George Floyd, Meath County Council e ne ya amogela mogopolo wa gagwe wa go thusa ka tsa madi, go simolola lenaneo la thuto, le go nna lefatshe la ntlha mo Ireland go tsaa kgato phatlalatsa kgatlhanong le kgethololo ya letso le mmala. [12] O lwetse gape melao ya tsa kgethololo kwa Ireland [13] e akaretsa dikatlholo tsa go rumolana ka maranyane, [10] a bo a thusa go rulaganyetsa bokopano jo botona jwa maranyane, kgatlhanong le kgethololo. [14]

Adenuga o simolodisitse megopolo ya banni ele mmalwa, e akaretsa mananeo aa kgothatsang bomme le banana Sheroes Global Initiative le The Boys-to-Men project le le neng le ikemiseditse go godisa basimane, go nna borre ba ba siameng, Meath Stand Against Racism education campaign,[5] Sheroes Global, go rotloetsa bomme le banana,[15][9] le the Yemi Adenuga Mentorship and Leadership Program (YAMAL), go rutuntsha bomme le banana.[10] O direla gape mo kopanong ya Cultur, bokopano jwa banni jo bo emeng nokeng bafudugi, batshabi le bafaladi.[15][16]

Adenuga o simolodisitse lenaneo la Sheroes kwa Ireland ka 2012,[15] a bo a le bula kwa Nigeria ka 2018, morago ga go dira mo lefatsheng dingwaga di le pedi.[17]

Adenuga le monna wa gagwe ba okametse gape Nigerian Carnival Ireland, kompone ya tsa ngwao, kabakanyo le kakaretso, ee isang mananeo kwa Ireland le Nigeria. [18]

Botshelo jwa gagwe fetola

Adenuga ke mme wa bana ba le bane[1]gape o nyetswe ke Deji Adenuga, modiragatsi wa letso la Nigeria, yo e ne gape ele mmolotsa-letsholo la gagwe. [9]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 Coyne, Ellen (29 August 2020). "'I won't put up with any bullsh*t from a man telling me I'm a token seat'". Irish Independent. Retrieved 16 June 2021.
  2. "The BIG Interview; Yemi Adenuga; Ireland's racist problem begins at home". Meath Live. 15 February 2021. Retrieved 16 June 2021.
  3. "Class Acts 2020 Alumni Achievements". UCD Connections Alumni Magazine. University College Dublin. Retrieved 16 June 2021.
  4. "Cllr Yemi Adenuga". Fine Gael. Retrieved 16 June 2021.
  5. 5.0 5.1 5.2 Okoh, Joseph (13 March 2021). "Yemi Adenuga and Uruemu Adejinmi: Making a mark in Irish politics". The Irish Times. Retrieved 16 June 2021
  6. https://www.finegael.ie/our-people/councillors/meath/navan/yemi-adenuga/
  7. McCann, Nuala (28 May 2019). "Irish election: Winners and losers take centre stage". BBC News. Retrieved 16 June 2021.
  8. Nugent, Ryan; Lavery, Callum (27 May 2019). "Making history: Gogglebox star elected as 'Ireland's first black female councillor'". Irish Independent. Retrieved 16 June 2021.
  9. 9.0 9.1 9.2 9.3 Walsh, Louise (27 May 2019). "#Elections2019: Gogglebox star becomes first migrant Councillor in Meath". Irish Examiner. Retrieved 16 June 2021
  10. 10.0 10.1 10.2 Lynott, Laura (15 February 2021). "Yemi Adenuga: 'Racist trolls said I wasn't Irish and demanded money'". Irish Independent. Retrieved 16 June 2021.
  11. https://www.independent.ie/irish-news/politics/the-floating-voter-new-irish-councillors-demand-action-after-racism-on-campaign-trail-38217584.html
  12. Donohoe, John (22 July 2020). "'I was insulted so many times, the easiest thing to do would have been to give up and quit'". Meath Chronicle. Retrieved 16 June 2021.
  13. O'Mahony, Kevin (4 June 2020). "Yemi Adenuga: 'We need more minority voices in Irish politics'". FM104. Retrieved 16 June 2021
  14. https://www.irishmirror.ie/news/irish-news/five-black-mothers-unite-stamp-22182278
  15. 15.0 15.1 15.2 Staff (28 May 2019). "Reality TV star becomes first black woman and first migrant elected to Irish county council". Irish Central. Retrieved 16 June 2021.
  16. "Cultúr Board". Cultúr. Cultúr Celebrating Diversity Ltd. Retrieved 16 June 2021
  17. "Why we are celebrating ordinary women – Yemi Adenuga". Vanguard. 24 March 2018. Retrieved 16 June 2021.
  18. Ajeluorou, Anote (25 April 2018). "Of demons, ghosts in Yeats: The Only Jealousy of Emer on stage in Lagos". The Guardian Nigeria. Retrieved 16 June 2021

Metswedi e mengwe fetola