Yvonne Chaka Chaka

Yvonne Chaka Chaka o tsotswe e le Yvonne Machaka ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola

Yvonne Chaka Chaka
Chaka Chaka at the World Economic Forum annual meeting in 2012
Ka Ga Ena
O tsetsweYvonne Machaka
(1965-03-18) 18 March 1965 (age 59)
Dobsonville, Soweto, South Africa
Mosetshaba waSouth African
Bana4
TiroSinger, songwriter, humanitarian, entrepreneur, teacher
Maranyanewww.yvonnechakachaka.co.za//

malatsi a le lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 165 ke moopedi,mogwebi le morutabana.O bidiwa Kgosigadi wa Afrika morago ga loeto lwa gagwe ka ngwaga wa 1990.[1]Chaka Chaka o sala a le kwa pele ka mmino o o tumileng dingwaga di le masome a mararo le bongwe e bile o tumile mo mafatsheng jaaka Nigeria,Zimbabwe,Zambia,Kenya,Gabon,Sierra Leone le Ivory Cost.[2]dipina tsa gagwe e bong "I am burning up",Thank u Mr Dj","I cry for freedom le e e itsege "Umqombothi"(African beer") e diragaditse go nna le naledi ga ga Chaka Chaka.Pina ya "Umqimbothi" e ne e simolotse baeskopo ya Hotel Rwanda ka ngwaga wa 2004.

Jaaka motshameki yo mmotlana,Chaka Chaka e ne e le ngwana yo o montsho [3][4]go tswa mo thelebisheni ya Afrika Borwa ka ngwaga wa 1981.. Fa e sale ka nako eo, o ntse le batho ba ba tshwanang le Bono, Angélique Kidjo, Annie Lennox, Youssou N'Dour, setlhopha sa mmino sa Appassionante, setlhopha sa mmino wa classic rock sa Queen le Maaforika Borwa a a jaaka Johnny Clegg, Miriam Makeba le Hugh Masekela. O kile a direla Kgosigadi Elizabeth II, Moporesidente wa Amerika Bill Clinton, Moporesidente wa Afrika Borwa Thabo Mbeki le baeteledipele ba bangwe ba lefatshe.

Chaka Chaka ke mmampodi wa The Global Fund to Fight AIDS, Tuberculosis and Malaria, Morongwa wa MDG wa Ditšhaba tse di Kopaneng wa Aforika, le Moemedi wa Goodwill wa Roll Back Malaria Partnership. O ne a tlhophiwa ke Nelson Mandela jaaka moemedi wa ntlha wa letlole la gagwe la bana, mme gape o tlhomile mokgatlho wa gagwe wa dithuso, Princess of Africa Foundation, a dirisa leina le a le filweng la ntlha kwa Uganda. The Princess of Africa Foundation ke molekane wa ACTION ya lefatshe lotlhe ya go buelela boitekanelo. Ka 2012, e ne e le mosadi wa ntlha wa mo Afrika go amogela Crystal Award ya World Economic Forum.

O ruta go bala le go kwala ka nakwana kwa sekolo se se golwane sa Aforika Borwa, o dira mo dikomiting di le mmalwa tsa mekgatlho ya bopelotlhomogi le mekgatlho e e seng ya puso, mme o direla mo lekgotleng la Johannesburg Tourism Company.

Botshelo le tiro

fetola

Chaka Chaka o ne a tshotswe ko Dobdonville mo Soweto mme wa gagwe e le mo Swazi rragwe e le moPedi. [5]Go gola ga gagwe go ne go le thata.Rragwe o tlhokafetse a le dingwaga di le lesome le bongwe mmagwe e ne e le modiri wa mo gae a godisa bana ba le bararo ka madi a selekanyo sa masome a mane .

Chaka Chaka o simolotse go opela ka dingwaga tsa lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1984 fa rekoto ya Dephon e mo lemoga mo Johannesburg[6]Di pina tsa gagwe tsotlhe di bidiwa I'm in love with a DJ.Dipina jaaka "I'm burning up", "I cry for freedom","Sangoma", "Motherland" le e e tumileng pina ebong "Umqombothi" e isitse maemo a ga Chaka Chaka e le naledi mo mbaqanga mo Afrika Borwa.

Fa a botswa gore o rata mang thata Chaka Chaka o ne a re:

Mme,ka gore o ne a nna a le teng fa ke ne ke mo tlhoka.Mme o goditse basetsa ba le bararo a le mongwe fela a dirisa madi a a gagwe ka e ne e le modiri wa gae.Seo se tsere bopelo kgale le nonofo.Ke motlhatlheledi le mogaka wame.Fa ke ne ke tsholwa ka ngwaga wa 1965 mo Soweto ka dinako tsa tlhaolele tse dithta .Ntate e ne e moopedi o mo golo a sa kgona go lemoga bokgoni jwa gagwe.O tlhokafetse fa ke ne ke le dingwaga di le lesome le bongwe.Ke tsere bokgoni mo batsading ba me.Ke ne kgona go opela mo dikhware tsa kereke.Ke segofaditswe go bo ke kgonne go dira se ntate a neng a sa kgona go se diragatsa.

Chaka Chaka o nale bana ba basimane ba le bane le monna wa gagwe e bong Tiny Mhinga[7]O nale selekanyo go tswa mo sekolong se segolo sa Affrika Borwa.

Bogweebi

fetola

Chaka Chaka o nale letshwao la dipina le kompone le kompone le monna wa gagwe ,Dr Tiny Mhinga.

Go buelela le go thusa batho

fetola

Chaka Chaka ke mmampodi wa Global Fund to Fight AIDS, TB le Malaria, Morongwa wa MDG wa Ditšhaba tse di Kopaneng wa Aforika, le Moemedi wa Goodwill wa Roll Back Malaria Partnership. Chaka Chaka gape ke leloko la boto ya Information Technology Companies, Human Resource Development le Sandown Motors. O ne a nna sefatlhego sa First National Bank (FNB) ka 2001 mme ka 2006, o ne a tlhoma mokgatlho wa gagwe wa go thusa batho o o bidiwang The Princess of Africa Foundation.

The Princess of Africa Foundation ke molekane wa ACTION ya lefatshe lotlhe ya go buelela boitekanelo. Ka 2012, e ne e le mosadi wa ntlha wa mo Afrika go amogela Crystal Award ya World Economic Forum. Bosheng jaana, go gololwa ga baesekopo ya gagwe, A Motherland Tour ⁇ A Journey of African Women, e e neng e tsere dingwaga di le tlhano tsa maeto mo Afrika, e ne ya mo isa kwa loetong lwa lefatshe lotlhe go tsweletsa katlego ya batho ba ba lwang kgatlhanong le HIV/AIDS, TB le malaria, e e neng e tshegediwa ke Global Fund.

Chaka Chaka gape o direla jaaka Moemedi wa Letsholo la ga Nelson Mandela la 46664 le le tsosang kitso ya lefatshe ka bophara ka ga HIV/AIDS. O ntse gape e le moemedi wa Yunibesithi ya Aforika Borwa (UNISA), City of Johannesburg Tourism, le Mpumalanga Province Tourism ya Aforika Borwa. Chaka Chaka o rutile batho go bala le go kwala mo metsesetoropong ya Afrika Borwa, a rotloetsa ditshwanelo tsa basadi le go dira go sireletsa bana gongwe le gongwe, e bile ke Motlhokomedi wa Tomorrow Trust, e e rutang dikhutsana le bana ba ba bokoa.

O ne a direla jaaka Mokolonele wa Tlotlo mo Lebothong la Difofane la Aforika Borwa. [8]

Ka 2015 o ne a saena lekwalo le le bulegileng le ONE Campaign e neng e ntse e kokoanya ditshwaelo tsa lona; lekwalo le ne le kwaletswe Angela Merkel le Nkosazana Dlamini-Zuma, a ba rotloetsa go tsepamisa mogopolo mo basading jaaka ba dira jaaka tlhogo ya G7 kwa Jeremane le AU kwa Afrika Borwa ka go latelana, e e tla simololang go tlhoma dilo tse di tlang pele mo go tshegetseng tlhabololo pele ga kopano e kgolo ya lekgotla la Ditšhaba Kopano ka Lwetse 2015 e e tla tlhomang maikaelelo a mantšhwa a tlhabololo mo kokomaneng. [9]

Ke karolo ya Ashinaga Kenjin-Tatsujin International Advisory Council,[10]e e tshegetsang baithuti ba masiela go ralala Afrika go bona thuto ya maemo a a kwa godimo.

Dipina tsa Mmino

fetola

Dialbum

  • I'm Burning Up (1986)
  • Sangoma (1987)
  • Thank You Mr. DJ (1987)
  • I Cry For Freedom (1988)
  • The Power of Afrika (1996)
  • Back On My Feet (1997)
  • Bombani (Tiko Rahina) (1997)
  • Princess Of Africa: The Best of Yvonne Chaka Chaka (1999)
  • Yvonne and Friends (2000)
  • Yvonne and Friends (2001)
  • Kwenzenjani (2002)
  • Princess of Africa, Vol. 2 (2002)
  • Celebrate Life (2006)
  • Ndi Phendule

Dikokoano

  • The Princess of Africa: The Best of Yvonne Chaka Chaka (1995)
  • The Princess of Africa: The Best of Yvonne Chaka Chaka Vol. 2 (2002)

moopedi yo o nang le seabe

  • Urban Africa: Jive Hits of the Townships (1990)
  • The Rough Guide to the Music of South Africa (1998, World Music Network)
  • The Winds of Change: Words and Music of a Free South Africa (2004)
  • 46664 - Part 2: Long Walk to Freedom (2004)
  • Tales of African Folk: Southern Africa (2005)
  • Hotel Rwanda - Motion Picture Soundtrack (2005)
  • The Rough Guide to the Music of South Africa Vol. 2 (2006)
  • Experience South Africa (2008)
  • The Rough Guide to African Disco (2013, World Music Network)

Metswedi

fetola
  1. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[1]
  2. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[2]
  3. "About Yvonne Chaka Chaka". Archived from the original on 16 November 2012. Retrieved 5 June 2015.[3]
  4. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015
  5. De Groot, Sue (21 April 2019). "Queen of all Africa: Yvonne Chaka Chaka's life in service of her continent". TimesLIVE. Retrieved 21 March 2024.[4]
  6. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[5]
  7. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015
  8. "Picture Caption" (PDF). SA Soldier. 18 (3): 30. March 2011. ISSN 1609-5014. Retrieved 2 February 2015.[6]
  9. McVeigh, Tracy (7 March 2015). "Poverty is sexist: leading women sign up for global equality | Life and style". The Guardian. Retrieved 8 May 2015.[7]
  10. "Ashinaga". Ashinaga. Retrieved 10 August 2021