Zambia
Zambia ( /ˈzæmbiə/), yo o itsegeng lefatshe ka bophara ka leina la lefatshe la Zambia, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke mafatshe a mangwe. Mafatshe a mabapi ke la Congo mo bokone, Tanzania mo bokone botlhaba, Malawi mo botlhaba, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia mo borwa, le Angola mo bophirima. Toropo kgolo ke Lusaka, e e bonwang kwa borwa bogare jwa lefatshe. Palo tsa batho di kitlanye thata mo toropo kgolong ebong Lusaka mo borwa le kwa kgaolwaneng ya Copperbelt Province go ya bokone bophirima.
Zambia | |
---|---|
Motto: "One Zambia, One Nation" | |
Diteme tsa semmusô | Sekgowa |
Demonym(s) | Zambian |
Fatshe | |
• Total | 752,617 km2 (290,587 sq mi) (38th) |
Ka kgwedi ya Phalane a tlhola masome a mabedi le bone ngwaga wa 1964, lefatshe le ne la tsaya boipuso jwa lone go tsweng kwa lefatsheng la United Kingdom mme tona Rre Kenneth Kaunda o ne a tswengwa mo stlilong sa botautona.Phutlhego ya Kaunda's socialist United National Independence Party (UNIP) e ne ya tsaya marapo a go busa go tsweng ka ngwaga wa 1964 go ya kwa go wa 1991. Go tsweng ka ngwaga wa 1972 go ya kwa go wa 1991 lefatshe la Zambia e ne e le lefatshe la phutlhego e ngwefela, maikaelelo a se e ne e le go kopanya lefatshe go nna lengwefela ka sekano sa 'Zambia o mongwefela, lefatshe le lengwefela'. Kaunda o ne an fengwa ke Frederick Chiluba wa phuthego ya social-democratic Movement for Multi-Party Democracy ka ngwaga wa 1991,ka yone nako e lefatshe la Zambia le ne la nna le kgolo ya itsholelo ka selekanyo se se kwa godimo[1].
Dipolotiki
fetolaDipolotiki tsa lefatshe la Zambia ke tsa puso ya batho ka batho,ke gore tautona o itlhophelwa ke batho go ya ka ditlhata le go rata ga bone mme se se raya fa tautona a tlhophilwe o etelela lefatshe le yone khudutlhamaga tota.Tautona wa gompieno ke Rre Sata yo fentseng ditlhopho ngwaga yo o fitileng.E re le fa go ntse jalo seemo sa sepolotiki ga se se jesang diwelang mo nakong ya gompieno ka gore batho ba belaela gore go ka tswa go ile ga nna le maretshwa a tsietso[2].
Puo
fetolaPuo e e buiwang molefatsheng la Zambia ke Sekgowa, se se dirisiwang mo fa go buiwa ka tswa kgwebo le gape se dirisiwa mo dikolong go ruta baithuti. Teme e e buiwang mo mafelong mangwe jaaka toropo ya Lusaka,ke puo ya Nyanja.Le fa go ntse jalo, Bemba le Nyanja di buiwa gantsi kwa ditoropong le mo mafelong a a tlhabologileng jaaka Zambia. Tse dingwe di akaretsa Kaounde, Tonga, Lunda le Luvale, tse g gasiwang ka tsone mo dithulaganyong tsa sesupa ditshwantsho sa Zambia National Broadcasting Corporation (ZNBC).Palo ya dipuo tse di buiwang mo lefatsheng la Zambia di masome a bosupa le bosupa[3].
Seemo sa Bosa
fetolaLefatshe la Zambia le mo kgaolong ya borwa bogare jwa Aferika ka jalo go nale selemo se se nang le dipula le mogote yo o kwa godimo mme e re mariga go nne le mariga a a boitshegang a ka dipula tse d phataletseng.Seemo se se rotloetsa dilo di tshwana;e temo thuo mme se se godise kgotsa se tlhabolola itsholelo ya lefatshe.