Zozibini Tunzi (o tshotswe ka 18 Lwetse 1993), o itsege gape jaaka Zozi Tunzi, ke mmotlelara wa Aforika Borwa, motshameki wa mosadi mo telebisheneng[1], le mmasebotsana wa go tshwara le go rwesiwa korone ya Miss Universe 2019.[2] Tunzi o ne rwesiwa korone gape ya Miss South Africa 2019. Ke mosadi wa boraro go tswa mo Aforika Borwa le mosadi wa ntlha wa montsho wa Aforika Borwa go fenya sefoka se.

Zozibini Tunzi
Tunzi in 2020
Tsalo (1993-09-18) 18 September 1993 (age 31)
Tsolo, Eastern Cape, South Africa
Alma materCape Peninsula University of Technology
Beauty pageant titleholder
Lebante
Mmala wa moririBlackBotswana
Mmala wa mathoBrownBotswana
Dikgaisano
tsa konokono

Tshimologo ya Botshelo

fetola

Tunzi o tsholetswe kwa Tsolo, Eastern Cape go batsadi Philiswa Nodapu le Lungisa Tunzi le go golela kwa motsaneng o gaufi wa Sidwadweni.Tunzi ke o mongwe wa bo ausi ba gagwe bale bane. Morago nyana o ne a fuduela kwa Cape Town, a dula kwa Gardens suburb, ka ntlha ya go tsena Cape Peninsula University of Technology. O ne a aloga ka National Diploma mo go public relations management ka 2018. Ka 2017, Tunzi o ne a dira jaaka mmotlelara mme a nna kwa East London, Eastern Cape.

MISS UNIVERSE 2019

fetola

Tunzi o simolotse go tsenela tsa bontle ka 2017, fa a ne a amogetswe jaaka mongwe wa ba le 26 ba ba fitlhileng kwa bofelong jwa Miss South Africa 2017.[3] O ne a boela gape mo kgaisanong go ya go gaisana mo kgaisanelong ya Miss South Africa 2019. Ka 26 Seetebosigo 2019, Tunzi o ne a tlhomamisiwa jaaka mongwe wa bo mmabontle ba le 35 ba maemo a a kwa godimo mo kgaisanong, gareng ga diforomo tsa ntlha.[4] Morago ga ditlhatlhobo tse dingwe, Tunzi o ne a itsisiwe jaaka mongwe wa bafenyi ba le lesome le borataro ka 11 Phukwi.[5][6]

  1. The Woman King - Full Cast & Crew - TV Guide
  2. Miss Universe 2019: 'May every little girl see their faces reflected in mine' (bbc.com)
  3. Prince, Shanaaz (10 August 2019). "Miss SA 2017 Semi-Finalists revealed!". https://ewn.co.za/2016/10/13/Miss-SA-semifinalists-have-been-revealed.  Retrieved 10 December 2019
  4. Prince, Shanaaz (26 June 2019). "Meet your top 35 Miss SA finalists!". https://www.channel24.co.za/The-Juice/News/meet-your-top-35-miss-sa-finalists-20190626. 
  5. Richardson, James (11 July 2019). "Miss South Africa 2019: Meet the 16 finalists – pictures". The South African. Retrieved 10 December 2019
  6. Mazibuko, Thobile (19 July 2019). "Meet the Miss SA 2019 finalists". IOL. Retrieved 10 December 2019