Botswana Music Union

Lekgotla la kabo- dietsele tsa moopelo la Botswana(le le itsegeng ka leina BOMU) ke la kgatiso ya dietsele tsa moopele mo Botswana, le le tlhamilweng ka ngwaga wa kete-pedi some le motso (2011).[1] Moletlo o tsharwa ngwaga le ngwaga go ipelela badiragatsi ba o ba gaisitseng ba bangwe mo Botswana. Go nna le kgogo e tshwarwang mme mofenyi a begwe ka fa tsamaisong ya tshwetso ya baatlhodi kgotsa ka fa tsamaisong ya moaletsa khutswe ka jaana di tlhopho di dirwa ka molaesta khutswe wa mesokela-tsebeng.

Mekete e gantsi ene e ntse e tshwarelwa kwa Convention Centre ya mafatshefatshe ya Gaborone (GICC) Gaborone, mo Botswana le fa jaaonong go fitile dingwaga dile thataro e emisitswe, e gasiwa phatlhalatsa mo seromamoweng sa sechaba, television ya Botswana.[2] Mo moketeng o go tlhotjwa bangwe ba ba kgethiwa ba baopedi go diragatsa mo seraleng ba ikopantse go nna seepo sengwe ka nako eo fela. BOMU gangwe le gape e rotloediwa ke ba MYSC ka thulaganyo ya seele se se newang ngwaga le ngwaga.

Dikarolo tsa BOMU go ya ka moopelo fetola

  1. Moopelo wa Sepantsola o o gaisitseng
  2. Moopelo wa mosakaso o o gaisitseng
  3. Moopelo wa polka kgotsa Folkore o o gaisitseng
  4. Moopelo wa Rnb o o gaisitseng
  5. Moopelo wa Afro pop o o gaisitseng
  6. Moopelo wa jazz oo gaisitseng
  7. Moopelo wa dipina tsa sedumedi o o gaisitseng
  8. Moopelo wa house o o gaisisitseng
  9. Moopelo wa dipina tsa setso o o gaisitseng
  10. Moopelo wa kwaito o o gaisitseng

Dikarolo tse di sa bewang go ya ka moopelo fetola

  1. Seetsele go lemoga bagaka

a. ba ba saleng mo botshelong

b. ba ba re tlogetseng

  1. Seetsele sa ga tautona
  2. Mmmega dikagang tsa diletswa yo o gaisitseng
  3. Mmega dikgang kgatiso tsa dipampiri yo o gaisitseng
  4. Modiragatsi yo o gaisitseng

Dikarolo tse dingwe fetola

  1. kgatiso ya DVD e e gaisitseng
  2. Motlhami wa mmino yo o gaisitseng
  3. Mmino wa setshwantsho sa motshekinyego o o gaisitseng
  4. Pina e e gaisitseng
  5. Moopelo ka badiragatsi ba ba ikopantseng o o gaisitseng

Kitso go ya pele ka maranyane fetola

https://www.mmegi.bw/index.php?aid=75250&dir=2018/april/13

Metswedi fetola

  1. "BOMU History". 5 September 2016. Retrieved 15 October 2023.
  2. http://www.botswanayouth.com/bomu-awards-coming-back-with-a-bang/22 September 2015. Retrieved 15 October 2023.