Donald Thobega (o tshotswe ka ngwaga wa 1974 ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a le masome mbedi le bongwe mme a tlhokafala ka Mopitlo a tlhola malatsi a a masome mabedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2009). O ne a itsege thata ka leina la Boboza, e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao wa Botswana, a tshameka mo legareng la lobala .

Donald Thobega
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Donald Thobega
Letsatsi la tsalo 21 October 1974
Lefelo la tsalo Ramotswa, Botswana
Letsatai la leso 28 Mopitlwe 2009(2009-03-28) (aged 34)
Lefelo la leso Lobatse, Botswana
Maemo Midfielder
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
1998–2005 Mogoditshane Fighters
2005–2009 Botswana Defence Force XI
Setlhopha sa setshaba
1999–2006 Botswana 5 (0)
*Metshameko ya gagwe le dinno

Tiro ya gagwe fetola

Thobega e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao wa Botswana o o neng a tshameka jaaka motshameki o o fa gare ga motshameko. E ne e le lesole la maemo a sergeant mo sesoleng sa Botswana, o ne a tshamekela Botswana Defence Force XI. Gareng ga 1999 le 2006, o ne a fenya dikapese di le tlhano tsa setlhopha sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana.

Thobega o simolotse tiro ya gagwe mo Botswana mo dikgaisanong tse di kwa tlase pele ga a fudugela kwa Mogoditshane Fighters ka 1998. E ne e le moemedi wa letsholo la Test For Life. Ka 28 Mopitlwe 2009, Thobega o ne a tlhokafala dibeke di le tharo morago ga go nna le seabe mo kotsing ya koloi gaufi le Lobatse.[1] O fitlhilwe kwa motseng wa gaabo wa Ramotswa ka 4 Moranang 2009."Boboza laid to rest tomorrow". Mmegi. 2009-04-06. Retrieved 17 October 2022.</ref>

Thobega o tshotswe ka 21 October 1979. O ne a ikwadisa mo Botswana Defence Force ka 2005 mme ka nako ya loso lwa gagwe o ne a tlhatloseditswe go nna seretse. Kwa ntle ga kgwele ya dinao, o ne a nna le seabe mo letsholong la Test For Life, le le rotloetsang batshameki le barotloetsi ba kgwele ya dinao mo Botswana go tlhatlhobiwa/tlatlhobelwa HIV le AIDS.

Tiro ya go tshameka fetola

Setlhopha fetola

Tiro ya ga Thobega e simolotse mo dikgaisanong tse di kwa tlase tsa kgwele ya dinao mo Botswana, koo a neng a tshamekela Mogonye Jungle Kings le Manyana Lucky Brothers."Boboza laid to rest tomorrow". Mmegi. 2009-04-06. Retrieved 17 October 2022.</ref> Ka 1998, o ne a saenelwa ke setlhopha sa Botswana Premier League sa Mogoditshane Fighters ke moeteledipele ebile e le mokatisi wa sone David Bright. O ne a dira tirisanommogo e e nonofileng ya go femela/thibela le motshameki-ka-ene Mogogi Gabonamong. E ne e le kapotene wa setlhopha sa Mogoditshane se se neng sa gapa bosimega ja Premier League ga raro ka tatelano ka 1999, 2000 le 2001.[2] Setlhopha se gape se ne sa fenya dikgaisano tsa kgwele ya dinao ka 2003, mmogo le go fenya Botswana Challenge Cup ka 1999, 2000 le 2003.[3]

Ka ngwaga wa 2005, Thobega o ne a tlogela Mogoditshane go ya go tsenelela sesole kwa Botswana Defence Force. O ne a nna leloko la setlhopha sa sesole sa kgwele ya dinao, Botswana Defence Force XI, mme a tlhomiwa go nna kapotene wa setlhopha. Setlhopha se fitlhile kwa makgaolakgang a Challenge Cup mo setlheng sa gagwe sa ntlha, mme se ne sa fenngwa ke Township Rollers.[3] Mo setlheng se se latelang, ba ne ba fitlha gape kwa makgaolakgang mme ba ne ba fenngwa ke Notwane FC.[3]

Tsa Mafatshefatshe fetola

Thobega o ne a bidiwa la ntlha mo setlhopheng sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana ka 1999. Mo ngwageng oo, o ne a dira maitlhomo a gagwe a bo ditšhabatšhaba jaaka motlhatlhami/motlatsasetlhopha. E ne e le dingwaga tse dingwe tse pedi pele ga a tshamekela naga ya gagwe gape, fa a ne a tlhagelela gape go tswa mo setilong sa baemedi. Ka ngwaga wa 2002, o ne a gapa dikgaisano tse dingwe tse tharo tsa lefatshe la gagwe. O ne a bilediwa la bofelo mo setlhopheng sa Botswana ka 9 Lwetse 2007, fa motsamaisi Colwyn Rowe a ne a tsenya Thobega mo setlhopheng se se nang le banna ba le 23 go phadisanya le Aforika Borwa.[4] Ga a ka a tlhagelela mo motshamekong oo, mme ga a ka a tlhophiwa gape mo letlhakoreng la bosetšhaba.

Loso fetola

  Ka Mopitlwe 2009, Thobega o ne a nna le kotsi ya koloi fa a ne a boela kwa Lobatse go tswa kwa maitisong a mmino kwa Molapowabojang. Morago ga tiragalo eno, o ne a nna dibeke di ka nna tharo mo lekalaneng la ba ba tlhokang tlhokomelo e tseneletseng (Intensive Care Unit) kwa Princess Marina Hospital. O ne a tlhokafala ka ntlha ya dikgobalo tsa gagwe gone ka kgwedi ya Mopitlwe a le 28 ka 2009, mme a fitlhwa kwa Ramotswa ka 4 April 2009.[5]

Mookamedi wa Botswana Defence Force XI Pudulogo Sokwane o ne a bua sentle thata ka Thobega, a bolela gore o ne a "tshosiwa ke loso lwa gagwe" le gore go ne go le "botlhoko tota go utswiwa naledi e e ntseng jalo". Motshameki ka ene wa setlhopha sa setšhaba sa Botswana le wa setlhopha sa Defence Force XI Nelson Gabolwelwe le ene o ne a baka Thobega, a re o latlhegetswe ke "tsala e e gaufi mo setlhopheng".

Tse di kwa ntle fetola

  • Donald Thobega at National-Football-Teams.com

Ditshupiso fetola

  1. Thobega is no more.https://www.mmegi.bw/sport/thobega-is-no-more/news Mmegi. Tuesday, March 31, 2009. Retrieved 17 October 2022
  2. Botswana - List of Champions https://www.rsssf.org/tablesb/botschamp.html Retrieved 17 October 2022
  3. 3.0 3.1 3.2 "Botswana Cup Winners". RSSSF. Retrieved 17 October 2022.
  4. Bogosing, Tshepho (2007-09-09). "Rowe's team attracts criticism". Sunday Standard. Retrieved 17 October 2022.
  5. "Boboza laid to rest tomorrow". Mmegi. 2009-04-06. Retrieved 17 October 2022.

Dikarolo fetola