Lobatse

Toropo mo Botswana

Lobatse ke toropo mo borwa botlhaba jwa Botswana, dikhilomitara di le masome a supa go tswa borwa jwa toropo kgolo Gaborone,mo twatswaneng e e yang bokone jwa Gaborone. Lobatse o na le batho ba le dikete tse masome a mabedi le boferabongwe le makgolo a le masupa. [2]Toropo e, ke kgaolo ya makgotla, gape e na le khansele.

Lobatse
Lobatse is located in Botswana
Lobatse
Lobatse (Botswana)
Kgaolo
South-east
Setshaba
29,772 (2022)[1]
Elevation
1,188 m (3,898 ft)

Ditso fetola

Bangwaketsi ke bone batho ba ntlha go aga mo lefelong le mo Botswana, mo le ileng la felela le agilwe ke Bangwaketsi mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo la lesome le borobabobedi. Marapo a bogologolo a ntse a teng mo pakeng ya gompieno.

Go filhelela ka boipuso ka ngwaga wa 1966, ,Botswama e ne e le British Protectorate ya Bechuanaland, e ne e nale mathata ka gore e ne e le lefatshe mo toropong e eneng e le kwantle ga molelwane wa lefatshe. Mafikeng, South Africa ka nako eo e ne e le yone toropo kgolo, godimo ga moo toropokgolo e ne e tshwanetse go nna Lobatse kgotsa Gaborone. Gaborone o ne a tlhopiwa e le setilo sa puso ,fa Lobatse a tlhopiwa e le setilo sa molao.

Ka ngwaga wa 1954 barongwa ba development co-operation ba ne ba aga matlhabelo a Lobatse a gompieno a bidiwang B.M.C. (Botswana Meat Commission). Lobatse o pharologanyo ka tsela ya ntlha mo Botswana, e e dirilweng ka 1958. Ka boipuso kgwedi ya lwetse a le masome a mararo ka ngwaga wa 1966, dikilomithara tse tlhano e ne e le tsela e e nang le sekonotere lefatshe ka bophara.E ne e le tsela e e tswang maemelo a terena a Lobatse go ya kwa kgotla tshekelong e e neng agilwe ka mo go kgetlhegileng ga loeto lwa ga kgosi George VI gape le Queen Elizabeth ba England ka ngwaga wa 1947.

Itsholelo fetola

Kgotla tshekelo e bonwa kwa Lobatse, le tsone diofisi dikgolo tsa lephata la tshekatsheko ya lefatshe gape le sepatela sa balwetse ba tlhalogayo sa Lobatse Mental, se eleng sepatela balwetse ba tlhaloganyo fela mo Botswana. Madirelo ka bontsi a kwa Lobatse, e leng matlhabelo (BMC), ka go rua ka e le konokono mo itsholelong ya Botswana pele ga go lemogwa ga diteemane e le botlhokwa e bo e sala e le bontlha bongwe jo bo mosola jwa ngwao. Kakana tse di nosetsang tsa FLO-TEK , ke kompone e tona e e seng ya puso e e tlhapang.

Polokelo fetola

O ka tsibogela fetola

  • Boemelo jwa terena mo Botswana

Metswedi fetola

  1. "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages". Statistics Botswana. 2022-06-03. Retrieved 2022-06-07.
  2. Botswana

Coordinates: 25°13′S 25°40′E / 25.217°S 25.667°E / -25.217; 25.667 Tempolete:Botswana largest cities