Gaone Nketso Dintwe ( O tshotswe ka di 1 tsa Motsheganong 1983) ke mmui mo sesupo dithswantsho sa Botswana, pinagare ya thulaganyo ya tsa sebui, pinagare ya tsa ditiragalo, mogwebi[1] [2]mo go tsa bobega dikgang le maranyane go simolola ka 2006, o berekile ele mmui mo seromamoweng le sesupo ditshwantsho mo seromamoweng sa bobedi sa Botswana le sesupo ditshwantsho sa Botswana o dirile dithulaganyo dile mmalwa le tsa seromamowa sa bobedi sa Botswana mo motshegareng ' Urban Flavas' le thulaganyo ya maphakela ya sesupo ditshwantsho sa Botswana gape o nnile mmui mo dithulaganyong tse dingwe gape tsa sesupo ditshwantsho jaanong mo nakong ya gompieno o eteletse thulaganyo ya Gaona Live[3]

Tsa Mmereko fetola

Ka 2006, Dintwe o simolotse loeto lwa gagwe mo go tsa maranyane ka go tsena mo seromamoweng sa bobedi sa Botswana ele mmui wa seromamowa. se ene ele fa a fetsa go aloga ko Monash South Africa ka BA mo dithutong tsa Communications and Media. Ko seromamoweng sa bobedi sa botswana, o rulagantse thulaganyo ya motshegare Urban Flavas, thulaganyo ya fa gare ga beke ya motshegare ya seromamowa ka tsa bagolo ene e diretswe barati ba tsa puo ya batho e hapegileng etla enale pina tse di monate ele pina tse di sha. O ne a tsena mo sesupo ditshwansthong botswana, BTV, a oketsa maitsaanape a gagwe a maranyane ka go nna mmega dikgang mo seromamoweng sa ntlha sa botswana le seromamowa sa bobedi sa botswana ebile ene ele mmega dikgang mo sesupo ditshwantsho sa botswana.

Metswedi fetola

  1. "Nketso Gaona Tlhasana". irex.org. Archived from the original on 2016-04-27.
  2. '"RISINGSTAR – GAONA TLHASANA (MEDIA ENTREPRENEUR)date=5 February 2015". Africans Making Money. Lagos, Nigeria. Retrieved 17 April 2016.
  3. "Gaona Shares Her 10 Lessons From Trying Times!". Botswana Youth Magazine. 27 January 2016.