Hukuntsi ke motse o o mo Kgaolong ya Kgalagadi (Kalahari) mo Botswana.

Hukuntsi
Country Botswana
DistrictKgalagadi District
Palo batho
 (2001)
 • Total3,807

Hukuntsi, a raya "dintlha tse nne",o biditswe ka seemo sa one jaaka nngwe ya metsana e mene mo kgaolong ya yone ya sekaka sa Kgalagadi. O dikhilomethara tse di lekgolo le lesome le bone go tsweng motseng wa Kang, mo tseleng e e tswang Gaborone-Ghanzi. O ka nna le palo ya batho ba le 4,500 (3,807 ka 2001).[1] Bontsi jwa banni ba Hukuntsi ke Bangologa.

Hukuntsi o okametse kgaolwana ya bokone ya Kgalagadi ka go rialo ke motse wa ditirelo tsa puso tsa metsana ya koo. E ntse e le mo Hukuntsi go nale kokelo le kokelwana, dikolo tse tharo gape le sekolo se segolwane se le sengwe. Ditirelo tse di leng teng mo Hukuntsi di akaretsa matlo a go gorogelang baeng, mabentlele a a rekisang dijo tse di apeilweng, lebentlele le le ikemetseng ka nosi, mabentlele a matona a mabedi, mabentlele a a rekisang nama gape le a mangwe.

Seemo sa loapi se a farologana fela thata- bosigo jo bo tsididi gape go fisa motshegare ka paka ya selemo. Tlhagiso ka diphefo tsa kgwedi ya Phatwe.

Banni ba kopa puso go tsaya sekolo fetola

Banni ba motse wa Monong kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba kopa puso go tsaya maikarabelo a go tsamaisa sekole se sebotlana sa motse oo.Sekole seo mo nakong eno se tsamaisiwa ke ba kereke ya Roma mme se amogela bana botlhe ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse thataro.Go ya ka mothusa modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse Mme Kedibone Mabotenyana, sekole seo ga se mo seemong se se jesang diwelang ka jaana se le segologolo e bile se tlhaelelwa ke ditlamelo tsa botlhokwa jaaka matlo a borutelo le didirisiwa tsa itloso bodutu.Mme Mabotenyane o supile gape fa tlhaelo ya dijo kwa sekoleng e ba apesitse kobo ka letshoba ka e ama dithuto tsa bana fela thata.A re ka dinako dingwe, bana ba nna malatsi ba sa apeelwe ka jaana go a bo go se na dijo mme ba patalesege go busetsa bana kwa malwapeng.O tsweletse ka go tlhalosa fa sekole se tlhaelelwa gape ke barutabana ba ba rutetsweng tiro, a re mo nakong eno sekole se na le barutabana ba le babedi ba mme e bile ba se na boitseanape bope jo bo tlhokegang mo go ruteng bana. A re lore lo ojwa lo sa le metsi, mme ka jalo go tlhokwa fela thata gore bana ba amogele thuto ya maemo a ntlha ba sa ntse ba le babotlana.

A re o dumela gore fa barutabana ba sekole seo ba ka bona thutuntsho ya maemo a ntlha, ba ka kgona go e fetisetsa mo baneng mme se se tlhabolole seemo sa thuto se se kwa tlase mo kgaolong ya Kgalagadi ka bophara.A re o dumela fa seemo se ka tokafala fela thata fa puso e ka tsaya boikarabelo ba sekole, ka gongwe go ka nna le ditokafalo tsa ditlamelo.E rile a tswa la gagwe, mookamela lenaneo le le tsamaisang sekole seo Rre Moalosi Koti, a tlhalosa fa lenaneo la bone, le ba le tshwaraganetseng le ba kereke ya Roma, le itlamile go thusa puso mo go tlhabololeng seemo sa thuto mo lefatsheng leno. Rre Koti o latotse fa bana ba a tle ba nne malatsi ba se na dijo.O tlhalositse fa ba netefatsa gore go na le dijo tse di lekaneng ka dinako tsotlhe.A re lenaneo le setse le itshupile fa le ntsha maduo a a nametsang fa e sale le nna mo tirisong mo dingwageng tse di fetilen.

Kereke e abela bana dimpho fetola

Ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba ne ba tlisa boitumelo mo baneng ba motse wa Monong ba le masome a matlhono ka go ba abela dimpho tsa malatsi a botsalo jwa morena.Dimpho tseo tse di tswang Smaritans kwa America di kopilwe ke ba lekgotla la sekeresete kwa Hukuntsi,di ne di akaretsa diaparo le dimpopi.Mookamedi wa kereke Rre Kelopile Kebadireng o boletse fa ba lemogile gore letlhoko le le ntsi kwa dikgaolong tse di ko tengnyana teng,mme ka moo ba ne ba itlama go abela motse wa Monong. A re dimpho tse di abelwa ngwana mongwe le mongwe wa dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone, e le sesupo sa lerato le boutlwelo botlhoko.

Mme Nkagisang Kazinkize yo le ene e leng morutabana wa sekolo sa tshipi kwa kerekeng e e abang dimpho o lebogetse batsadi ba bana ba motse wa Monong go bo ba nnile le seabe se segolo mo tirong eo, a rotloetsa bana gore ba rapele ba bo ba bale baebele ka nako tsotlhe.E rile fa a ntsha malebo, kgosi Xenke Lesetlhe wa motse wa Monong a re o utlwisiwa botlhoko ke gore ga go na le fa e le kereke mo motseng wa gagwe,mme le fa go ntse jalo a re o kgothatsa morafe go ikitaya ka thupana ba batle lefelo la go rapelela gore diphuthego tse di ba tlholang di ba fitlhele teng e seng go tsenala kereke mo kgotleng.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Botswana/Hukuntsi

Dipadi tse dingwe fetola

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Retrieved 2008-02-09.

Tempolete:Kgalagadi District

Coordinates: 23°59′56″S 21°46′48″E / 23.99889°S 21.78000°E / -23.99889; 21.78000