Kariba ke kgaolo ya botlhophi ee mo letshitshing la lekadiba la Kariba( Lake Kariba) mo bophirima jwa Mashonanaland mo bokone jwa Zimbabwe go ralala molelwane wa Zambia. Kgaolo e ya botlhophi e akaretsa dikgotlana tsa selegae dile lesome le bobedi kana dikhansele mo Kariba Rural ee itsagaleng jaaka kgaolo potlana ya Ngaminyani(Ngaminyani Rural),dikgotla setoropo di ferabongwe mo Kariba Town e eleng toropo ya kgaolo. Ka ngwaga wa 2021, selekanyo sa batho mo kgaolong e, se ne sele kafa tlase ga dikete tsedi masome a marataro (60,000).[1] Kariba Town ene ya agelwa kana ene e agelwa go fa boroko babereki ba ba neng ba aga letamo la Kariba( Kariba dam), le le ileng la wela ka ngwaga wa 1960 go thusa mafatshe a Zimbabwe le Zambia ka motlakase  oo fitlhwang ka metsi. Se gape sene sa tlisa go nna teng ga nngwe ya matshaa  a matona aa itiretsweng mo lefatsheng. Go nna teng ga letshaa la Kariba  go tlisetse kgolo mo mohameng wa ditlhapi lefa ntswa morago ga kwelotlase ya itsholelo ya lefatshe la  Zimbabwe , kgaolo e ya Kariba e ile ya nna yone ee ko tlase mo ditlhabololong  mo lefatsheng le.[2] Kgaolwana ya Kariba gape ke nngwe ee kgethologileng thata mo Zimbabwe jaaka ka ngwaga wa 2002 gone go sena ditsela tse di tshetsweng sekonotere.[1] Ditiro tsa konokono tsa itshetso di akaretsa temo yago jela mo gamong,go bapala ditlhapi le letsoma go fepa lelwapa fela eseng la thekiso. Kgaolo e ee akaretsang lefelo la diphologolo la  Matusandona(Matusandona National Park)  e aparetswe ke bogodu jwa diphologolo[1] le ntwa magareng ga batho le diphologolo tsa naga.[3]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 Kariba Constituency Profile" (PDF). Pariliament of Zimbabwe. Retrieved 21 February 2015.
  2. Save the Children. "Household Economy Assessment: Nyaminyami (Kariba Rural) District, 21 June 2002". Southern Africa Regional Poverty Network. SARPN. Retrieved 21 February 2015.
  3. Jeke, Leward (2 September 2014). "Human-Wildlife Coexistence In Omay Communal Land, Nyaminyami Rural District Council In Zimbabwe". Mediterranean Journal of Social Sciences. 5 (20): 809. ISSN 2039-2117. Retrieved 21 February 2015.