Kazungula, Zimbabwe

Kazungula ke molelwane wa bothibelelo kwa bokone jwa Matabeleland mo , Zimbabwe go bapa le Botswana, Namibia gapa le Zambia. Mo bophirima go nale motsana wa molelwane wa Botswana wa Kazungula , go tsweng kwa go nang le dithuso tsa mokoro tsa dikoloi go kgabaganya noka ya Zambezi go ya toropong ya Zambia e e bidiwang Kazungula.

Kazungula o golagangwa le tsela e e yang kwa mapothophotong a Victoria , sekgele sa dikilomethara sa masome a bosupa mo bokone .[1]

Tsela ya Kazungula fetola

Mogolwane wa letsholo la ipabalelo tseleng la kgaolo ya Chobe Rre Thuso Mogapi a re ga a jesiwe diwelang ke gore monongwaga ga go na tirasano mmogo magareng ga bakgweetsi le ba letsholo la gagwe.Mo potsolosong le BOPA, Rre Mogapi o boletse gore bontsi jwa bakgweetsi ba feta fa go bone ba sa batle go emisiwa gore ba rutuntshiwe ka tsela ya Pandamatenga/Kasane ba re ba tsere molaetsa kwa go ba Nata.O tlhalositse fa ba simolotse dithuto tsa bone kgwedi eno e le 20 mme di ya go wela kgwedi e e tlang e le 5.Rre Mogapi a re go botlhokwa go ruta batho ka tsela e ya Pandamatenga/Kasane ka jaana e le mo lefelong le le sailang diphologolo.A re tsela eo ga e a teratelwa, e le gore diphologolo di nne le motsamao o o sa kgorelediweng, a re ke ka jalo diphologolo di tlalang mo go yone.A re tsela ya Nata/Kazungula e tsweletse ka go dirwa, ka jalo o gakolola batho go sa tabogise dikoloi, go fema dikotsi.A re moono wa monongwaga ke somarela botshelo, kgweeletsa go tshela ka jalo o gakolola Batswana go nna kelotlhoko mo ditseleng.Rre Mogapi o gakolotse bakgweetsi go nna keletlhoko fa ba reka maotwana a koloi go bona gore ga a feta nako ya one ya tiriso le gore ba dirise lebante la koloi ka dinako tsotlhe.A re go utlwisa botlhoko go bo bakgweetsi ba itlhokomolosa melaetsa ya bone ka jaana go diragetse dikotsi tse nne kgwedi eno fela.A re ya ntlha e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bongwe mme mo go yone koloi e ne ya pitokologa, ga seka ga gobala ope.Rre Mogapi a re kotsi ya bobedi e diragetse letsatsi le le latelang fa koloi e thula tlou mme ga gobala motho a le mongwe fa mo go ya boraro kotsi go tlhokafetse motho a le mongwe ntateng ya letsapa la mokgweetsi.

A re mo go enngwe kotsi koloi e ne ya thula phala mo tseleng ya Pandamatenga/Kasane mme ga go a nna le dikgobalo dipe.Rre Mogapi a re dikotsi tse tsotlhe di diragetse batho ba teng ba sena go tlhoka go ema fa go bone, a tlhalosa gore gongwe fa ba ne ba kile ba feta ka bone ba ka bo ba sa nna le dikotsi tseo ka jaana botlhe ba ba ithutileng mo go bone ba ne ba goroga kwa mafelong a ba neng ba a etetse go sena mathata.A re go botlhokwa gore bakgweetsi ba eme fa lefelong la bone go tsaya molaetsa o ba o ba tsholetseng ka jaana ba sa itse borai jwa tsela e ya Nata/Kazungula.Rre Mogapi a re ka letsatsi la keresemose go fetile dikoloi di le 89 mme mo palong eo ba kgonne go bua le bakgweetsi ba le 27 ba ba neng ba tswa Kasane ba labile Nata.Go tswa Nata go ya Kasane go fetile dikoloi di le 224 mme ba kgonne go bua le ba le 38.A re fa go lebilwe dipalo tse go supa sentle gore ga gona tirisano mmogo, ka jalo o kopa bakgweetsi gore ba itse fa go le botlhokwa gore ba tsee sebakanyana ba ba reetsa.


Dikgoge tse dingwe fetola

Botswana Zimbabwe Zambia Namibia

Metswedi fetola

  1. Chris McIntyre (2010). Botswana. Bradt Travel Guides. p. 177. ISBN 13 978 1 84162 308 5. {{cite book}}: Check |isbn= value: length (help)