Mack Air ke kompone ya sefofane sese direlang ko motseng wa Maun, mo Botswana. Kompone ya Mack Air e simolotse go direla ko bokone bophirima ja lehatshe la Botswana ka ngwaga wa 1994. Kompone ya Mack Air e ikaegile ka ditirelo tsago adimisa bapagami difofane, le tsedingwe jaaka go pega bapagami baba batang go ijesa nala lego iphokisa phefo mo lefaufaung,le go thusa batho baba thokang kalafi ya potako yatsa bongaka, lego fofisetsa bajanala ko mafelong a twaelesegileng ka bojanala mo Botswana le mafatshe a mabapi. Tse dingwe ditirelo tsa yone di akaretsa go isa bajanala ko mafelong a gwebang ka bojanala jaaka a boroko ko makgobokgobong a Okavango Delta lemo sekakeng sa Kalahari mo Botswana. [1]

Mack Air
Websitemackair.co.bw

Dikgatiso tsa metswediyadikgang ee sedimosetsang bajanala ka bojanala e papamaditse fa sefofane sa Mack Air se itsiwe sele boikanyo ebile ele nngwe ya dikompone tsadi fofane tsedi etsiweng ka go thusa bapalami kadi tirelo tsedi manonthontho, mme ebile esa amane le epe kgwebo ya bojanala tsedi thusang bajanala ka boroko. [2]

Histori [Edit Source ]

 
Dingwe tsa difofane tsa Mack Air tsatsi le phirima

Kompone ya Mack air e simolotswe ko Maun Airport, ka ngwaga was 1994 ke Lara and Stuart Mackay ka sefofane se sengwe sa modiro wa Cessna 206 Stationair.Kgwebo yago sefofane ene ya felela e tserwe ke bagwebi ba basha gotswa Zimbabwe ka 2014. [3]

Mack Air ene e thapile babereki bale lesome le bothano (15) ka nwaga wa 2007, mme babereki bale masome a mathano (50) bane ba thapilwe ka 2019, go akaretsa bakgweetsi badi fofane bale lesome le boferabongwe (19). Ka ngwaga wa 2021 kompone ene e thapile babereki bale lekgolo le lesome (110), go akeretsa bakgweetsi badi fofane bale masome a marataro (30). [4] [5] [6]

Mo ngwageng wa 2017, kompone ene ya reka difofane tsedi lesome (10) tsa modiro wa Cessna Grand Caravan EXs dile disha ele nngwe ya maiteko ago godisa difofane tse kompone eneng ena natso. [7]

 
Sefofane sa Mack Air sa modiro wa Cessna Citation M2 se fofa fa godimo ga Zambezi River ka nako e noka eneng e tshela

Ka ngwaga wa 2019, Mack Air ene yanna nngwe ya ntha ya dikompone ya dikompone tsa difofane ee kimetseng ka nosi mo Botswana go fiwa teseletso yago ka pega bapalami and le dithoto goya lehatshe ka bophara. [8]

Dikotsi le ditiragalo [ edit source] fetola

Ka kgwedi ya Ferikgong ale borataro ( 6 January 2010) , sefofane sa modiro wa Cessna 208 sene sa nna lekotsi ee bakilweg kego retelelwa ga enjene ya sefofane mogo feletseng go baka sefofane gore se wele fatshe mo goneng ga baka ditshenyo tsa sefofane se sena go emelela kwa Piajio Airstrip, Chiefs Island makgobokgobo a Okavangon Delta.

 
Mark Air Logo

Sefofane sene sa wela go bapa le molatswana wa noka mme sa petekologa . Kotsi ya sefofane ene ya golafatsa mokgweetsi wa sefofane, le bapagami bale batlhano, mme mongwe wa bone one a robega lehepapoo.

Mokgweetsi le bapalami bane bane ba bona dithuso tsa potako mo ebileng bane ba ragogedisiwa ko dipateleng tsa Africa Borwa. [9] [10]

Mafelo a sefofane se tsamayang ko go one [edit source] fetola

Mafelo a latelang ke mangwe a mafelo a sefofane sa Mack Air e pegang batho goya ko mafelong a farologanyeng gotsweng ka ngwaga wa 2022. [11]

Difofane [edit source] fetola

Metswedi fetola

  1. Mack Air. "Mack Air". Retrieved 2015-09-21.
  2. Botswana Travel Guide. "Flight companies". Retrieved 28 December 2010.
  3. Spaeth, Andreas (July 2023). "Botswana's sky-high bush safari". Airliner World (288): 53–61.
  4. Penton Media (2007). "Operator Details - Mack Air". Retrieved 2009-11-07.
  5. "About Mac Air". Archived from the original on 2011-08-25. Retrieved 2016-03-09.
  6. "About | MackAir". www.mackair.co.bw. July 22, 2020.
  7. "Botswana's Mack Air Takes Delivery of 10 Cessna Caravan EX's". www.avcom.co.za.
  8. https://www.mackair.co.bw/scheduled/
  9. Ontebetse, Khonani (January 2010). "Five injured in aircraft crash". Botswana Gazette. Archived from the original on 11 July 2011. Retrieved 14 December 2010.
  10. Aviation Safety Network (January 2010). "Accident description". Retrieved 14 December 2010.
  11. "Scheduled Services | MackAir". www.mackair.co.bw. August 13, 2020. Retrieved 7 February 2022.
  12. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022.
  13. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022.
  14. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022.
  15. Mack Air (22 July 2020). "Our Fleet". www.mackair.co.bw. Retrieved 7 February 2022.