Maria Celestina Fernandes

Mokwadi gotswa Angola

Maria Celestine Fernandes  yo o  tshotsweng  kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale lesome le bobedi, ngwaga wa 1945, ke mokwadi wa letso la Angola yoo kwalang dibuka tsa bana.[1] O kwadile gape maboko le dipolelo tse di khutshwane. Pele ga se o dirile jaaka mmaboipelogo le mmueledi. O gapile dikgele di le mokawana go akeretsa Premio Literario Jardim do Livro infantil ,Premio Caxinde do Conto Infantil le Premio Excelentia Literaria( Trofeo Corujao das Letras).

Botshelo Pele fetola

Maria Celestine Fernandes o tsholetswe kwa Lubango kgwedi ya Lwetsi e tlhola malatsi ale lesome le bobedi ngwaga wa 1945. Rraagwe ene ele modirela puso[2] [3]mme ene o tsene sekole kwa Salvador Correia High school[2] mo Luanda. Fernandes oithutetse tiro ya bo mmaboipelogo kwa Pio XII Institute of social work,mme a iponna bachelors degree in Law gotswa mo lephateng la ba molao mo  Agostinho Neto University.[2]

Thutego fetola

Ene yare ka ngwaga wa 1975, Fernandes a simolola go dira kwa National Development Bank ya Angola,koo a dirileng teng dingwaga di feta masome a mabedi, a tlhatloga maemo gotswa mo go eteleleng lephata la tsa selegae e nna mothusa mokaedi mo lephateng latsa semolao, mme morago a tlogela tiro ka bogodi.[2] Fernandes o simolotse go kwala moragonyana ka dingwaga tsa bo 1980, pele mo Journal de Angola le Boletim de Organizacao da Mulher Angolana( OMA).[2] Go tswa ka ngwaga wa 1990 o setse a gatisitse dibuka dile mokawana.[3] Ene ya re ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2016 a tsaa karolo mo moletlong wa…….oo neng o dirilwe ke tautona wa pele wa Portugal,motlotlegi Jorge Sampaio [3]kwa Lisbon. Fernandes ke leloko la mokgatlho wa bakwadi ba Angola (Angolan Writers Union) le  Cha de Caxinde Association.[4]

Kgatiso tsedi Kgethilweng fetola

Dikgatiso tsa gagwe di akaretsa;[3]

  • A borboleta cor de ouro, UEA, 1990
  • Kalimba, INALD, 1992
  • A árvore dos gingongos, Edições Margem. 1993
  • A rainha tartaruga, INALD, 1997
  • A filha do soba, Nzila, 2001
  • O presente, Chá de Caxinde, 2002
  • A estrela que sorri, UEA, 2005
  • É preciso prevenir, UEA, 2006
  • As três aventureiras no parque e a joaninha, UEA, 2006
  • União Arco-Íris, INALD, 2006
  • Colectânea de contos, INALD, 2006
  • Retalhos da vida, INALD, 1992
  • Poemas, UEA, 1995
  • O meu canto, UEA, 2004
  • Os panos brancos, UEA, 2004
  • A Muxiluanda, Chá de Caxinde, 2008
  • Kambas para Sempre, Kapulana, 2017

Dietsele fetola

Dietsele kana dikgele tsa gagwe di akaretsa;[4]

  • Prémio Literário Jardim do Livro Infantil, 2010
  • Prémio Caxinde do Conto Infantil, 2012
  • Prémio Excelência Literária (Troféu Corujão das Letras), 2015

Metswedi fetola

  1. Adebayo Oyebade (2007). Culture and Customs of Angola. Greenwood Publishing Group. pp. 64–5. ISBN 978-0-313-33147-3.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 "União dos Escritores Angolanos - Maria Celestina Fernandes". ueangola.com. Retrieved 9 November 2017
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 Maria Celestina Fernandes participa em encontro de literatura em Lisboa - Rede Angola - Notícias independentes sobre Angola". redeangola.info. 20 February 2016. Retrieved 9 November 2017
  4. 4.0 4.1 BIOGRAFIA DE MARIA CELESTINA FERNANDES – Kapulana". www.kapulana.com.br. Retrieved 9 November 2017