Modirisi:Kesegotumisang/Yoslyn Sigrah

Yoslyn G. Sigrah ke mmueledi ebile e le molwela ditshwanelo tsa basadi yoo tlholegang kwa Micronesia.

Sigrah o tsholetswe kwa Kosrae State. O ithutetse tiro ya bobueledi kwa William S. Richardson School of Law, mo sekologong se segolo sa Hawai'i in Mānoa ka ngwaga wa 2007. O kile a bereka e ele mmueledi kwa Honolulu.[1] Ka ngwaga wa 2012 o ne a tsenelela dithuto ko Amerika, di rulagantswe ke ba ABA Rule of Law Initiative, go tlhabolola bokgoni jwa go buelela basadi, bogolo jang ba ba kileng ba kgokgontshiwa.[2]

Sigrah o ile a bolotsa letsholo la go emela basadi mo dipolotiking, mo pusong le mo palamenteng, mme a rotloetsa go tlhamiwa ga Lephata la Basadi la Micronesia. O tlhagafetse mo letsholong la go fedisa kgokgontsho ya basadi le basetsana, go akaretsa le go nna le seabe mo go fetiseng Molao wa Tshireletso ya Lelwapa wa 2014 kwa Kosrae, molao o o dirang gore kgokgontsho ya bong e nne tlolomolao.[3] Mo godimong ga mogakolodi wa mmueledi o emetse gape Kosrae Women Association.[4]

O ne a buisa phuthego ya bo masome a marataro le borataro ya Convention on the Elimination of all Forms of Discrimination Against Women (CEDAW) kwa Geneva, ka ngwaga wa 2017, tebang le seemo sa basadi ba kwa Micronesia.[3]

Ka ngwaga wa 2014 o ne a fiwa sekgele sa Presidential Outstanding Citizens Award ke Tautona Emanuel Mori[5]

Sigrah o ne a tlhophiwa go nna moemedi ko 2019 Micronesian Constitutional Convention go tswa Kosrae[6]

Metswedi fetola

  1. "President of the Federated States of Micronesia Presents Outstanding Citizen Awards in Honolulu". www.fsmpio.fm. Retrieved 6 November 2017.
  2. "A Micronesian Advocate Helps to Create Safer Environments for Women, Rule of Law Initiative". www.americanbar.org. Retrieved 6 November 2017.
  3. 3.0 3.1 "Yoslyn Sigrah" (in en-US). Pacific Community. 6 August 2017. http://www.spc.int/70-inspiring-pacific-women/yoslyn-sigrah/.  Cite error: Invalid <ref> tag; name ":1" defined multiple times with different content
  4. "SPC launches latest collection of Pacific human rights cases" (in en-gb). Pacific Community Regional Rights Resource Team. 8 October 2013. http://rrrt.spc.int/news/item/457-spc-launches-latest-collection-of-pacific-human-rights-cases. 
  5. "President of the Federated States of Micronesia Presents Outstanding Citizen Awards in Honolulu". www.fsmpio.fm. Retrieved 6 November 2017.
  6. "Delegates". 4th Constitutional Convention of the Federated States of Micronesia. Retrieved 2021-11-21.