Nokaneng ke motse o mo kgaolong ya Bokone-bophirima jwa, Botswana. O bonwa gaufi le makgobokgobo a Okavango , gape o direlwa ke kompone ya lefelo la difofane ya Nokaneng. Palo ya batho ba Nokaneng e ne e le 1,590 mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Batho ba Nokaneng

fetola

Letso la banni ba Nokaneng ke Bayei, Basarwa gape le Baherero le fa gompieno go simolola go nna le koketsego ya batho jaaka ba letso la Bahambukushu. Tse ke ditlhopha tsa banni ba ba tumileng mo motseng fa thoko ga lotshitshi la makgobokgobo a Okavango. Go tsweng kwa Nokaneng toropo ya Windhoek, ebong toropokgolo ya lefatshe la Namibian ga e kgakala mo kalokalo ntateng ya ditsela tse di sa tlhabololwang tse di gorosang kwa molelwaneng le ntswa di sa tlwaelesega. O ka tsena mo motsaneng wa Nokaneng o tswa ntlheng ya Tsumkwe kwa molelwaneng wa Dobe. E ka nna dioura tse di matlhano go tsweng Tsodilo go ya Dobe. Dobe go ya Tsumkwe ke oura e le nngwe. O ka nna kwa lefelong le le gorogelang baeng la Tsumkwe. Seemo sa ditsela go tsweng kwa [Nokaneng go ya Tsumkwe di mefutla . Molelwane yo o kwa Dobe, dikhilomethara tse di masome a matlhano le boraro mo bokone jwa Tsumkwe, o bulwa malatsi a masupa mo bekeng (7h30 nako ya Namibian/Botswana ) gape o fa teseletso ya go tsena mo lefatsheng la Botswana. Lebelo ola koloi le motho a ka le tshegetsang mo tseleng e ke 50–80 km/h. Mokgweetsi o ka bona leokwane gaufi dikhilomethara tse di masome a mararo le bosupa mo bokone jwa Nokaneng kwa Gumare kgotsa kwa Maun. E ke yone tsela e batho ba rotlosdiwang go e dirisa fa ba ya kwa lefelong le go gorogelang baeng teng.


Nokaneng gape e kile ya bo e motse mogolo wa kgaolo ya Ngamiland. E kile ya e le gone kwa Batawana ba sutlisitseng motsemogolo wa bone ebong Toteng. Ka jalo se se dira motsana wa Nokaneng go nna mengwe ya metsana e e mabapi le motsana wa Toteng le Tsau. Ke gone gape kwa Douglas Wright mookamedi mogolo wa kompone ya Safari South gape le Ker & Downey, setlhopha se se fang bajanala dithuso tsotlhe kwa a goletseng teng le fa gompieno a nna kwa toropong ya Maun. Ba kile ba bo ba nale lebentlele kwa Nokaneng. Bontsi jwa babereki ba meepo ya kwa Aferika borwa ba kile ba bo ba phuthiwa mo tseleng eo go ya toropong ya Johannesburg. Letso la Basarwa ba ba nnang kwa Nokaneng ba ne ba tshela botshelo jo bo tlhabologileng fa ba tshwangtshangwa le ba ba nnang kwa Central Kalahari Game Reserve. Se se ne se tlisiwa ke botsalano jo ba nang le jone le ba letso la Bayei ba ba tumileng thata mo motseng. Ba nale botsalano jo bo tlhaloganyesegang ebile ba tsaana fela jaaka o kare ba tsalana. Nokaneng gape ke botseno jwa lefelo le le tumileng lefatshe ka bophara la dithaba la Drosky , kgotsa jaaka ba le bitsa ditlhaba tsa qhwihaba.

Go tsweng Maun toropokgolo ya kgaolo ya Ngamiland Nokaneng o dikhilomethara tse di makgolo a mabedi ka tsela gape le makgolo a mabidi a dikhilomethara go tsweng kwa Shakawe. Go sa tswa go lemogiwa fa bontsi jwa banni ba Maun ba tswa kwa motsaneng wa Nokaneng bogolo jang ba ba tswang kwa kgotleng ya Botshabelo, Boseja le Thito mo Maun.

Bagodi ba ngongoregela tiego

fetola

Bagodi ba metse ya Habu, Nokaneng, Boajankwe le Qwee mo kgaolong ya Ngami ba kgwetse botlhoko ofisi ya bagodi kwa Gumare ka go tlhoka go ba neela ditlamelo ka nako e e tshwanetseng.E rile ba bua mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Taolo Habano bosheng ba tlhalosa gore, badiredi ba ofisi eo ba tsaya lobaka lo lo leele ba sa ye go ba neela madi a bone jaaka e le tshwanelo.Mongwe wa bagodi, Rre Kambaherepo Rukata Mme Mmaditsaro Mokwena a re bagodi ba bangwe ba tsaya dikgwedi tse tharo go ya go tse nne ba sa bona madi a bone fa bangwe ba santse ba kolotiwa madi a bone a ngwaga wa 2006 go fitlha mo nakong eno.Rre Rukata a re se se tshwenyang ke gore badiredi bao fa ba ile go ba amogedisa ba bo ba fitlhela mogodi a seyo ba boa ka madi ao mme gotsweng foo go tseye lobaka lo lo leele madi ao ba sa a bone, mo le bone ba tlelwang ke dipelaelo tsa gore badiredi bao ba ikadima madi ao.Bangwe ba supile ka monwana badiredi bao ka go sa ba tlotla fa ba buisana le bone, ba re ba ba kgadimola ka mafoko fela jaaka o kare ba buisanya le bananyana, ba bo ba kopa mopalamente wa bone go ya go ba buelela le badiri bao go tlogela go ba kgokgontsha ka madi a ba a fiwang ke puso go itshetsa ka o ne.Bagodi ba kopile puso go aga Poso mo Nokaneng gore ba kgone go tsaya madi a bone ka nako e e tshwanetseng jaaka bagodi ba bangwe ba ba amogelelang madi kwa diposong.

Rre Gaolatlhe Mohuhutso o boletse gore se se utlwisang botlhoko ke gore gantsi badiredi bao ba tla morago ga nako ya dijo tsa motshegare go ya go ba amogedisa mme ba palelwe ke go thusa bagodi botlhe mme ba ba tlogele ba kgobokanye foo go boela Gumare ka seipato sa gore nako ya bone ya go golola e fetile ntswa ele bone ba tsileng morago.Mme Mmaditsaro Mokwena o tlhalositse gore gape badiredi gantsi ba isa lenaneo le le supang go tla ga bone, mme bagodi ba tshologele kwa lefelong le ba amogelelang kwa go lone ka tsholofelo ya go ya go tsaya madi a bone mme ka maswabi ba tlhola fela koo ka tlala badiredi ba sa tle gape go sena kitsiso go ba itsise fa ba pitlaganye, mme le fa ba dirile jalo ga ba ke ba ikopa maitshwarelo mo bagoding ka phoso e ba e dirileng go supa fa ba sa kgathale ka bone.Le fa go ntse jalo, magosi a motse wa Nokaneng a kopile bagodi go nna pelotelele fa ba bua ka kgang eo ka jaana ba tsweletse ka go buisana ka yone.Rre Kebonyetsala Fish o boletse fa ofisi ya gagwe e kopile mogolwane wa ofisi ya bagodi kwa Gumare go tla kwa go bone go tla go ngunanguna ka bothata jwa dikamogelo tsa bagodi tse go lebegang di tshwenya.

Dikgoge tsa kwa ntle

fetola

Botswana Namibia Maun Gumare


Metswedi

fetola
  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-08.

Coordinates: 19°39′50″S 22°11′30″E / 19.66389°S 22.19167°E / -19.66389; 22.19167