Phenyo Caiphus ke motswana wa dingwaga tse 24 yo o itsegeng ka bokwadi,kgwebo,moitsanapa wa tsa maranyane a dithuto tsa Physics le mmatlisisa dikitso.Phenyo o tlholega kwa motseng wa Marobela mme o tsholetswe mo toropong ya Francistown.[1]

Tiro fetola

Phenyo Caiphus ke mokwadi wa dibuka mme go fitlheng gompieno o na le dibuka di le masome a mararo le bongwe[2][3].Mo tse dingwe ke rradikgwebo.O eteletse pele kompone ya CAIPHUS MEDIA CREATIONS e e itebagantseng le go tsamaisa dikgwebo tsa madirelo a go rutuntsha bana(El Caiphs Private Tuition Education),madirelo a go gatisa dibuka(El Caiphs Private Publishers),madirelo a theko le thekiso ya dibuka(El Caiphs Private Online Bookstore),madirelo a MINDS Magazine le a dijo a OcaiFlavour.Caiphus ke moitsanape wa maranyane a Physics le mmatlisisa [4]dikitso.Caiphus Media Creations e simologile ka ngwaga wa 2017 fa rre Caiphus a fetsa dithuto tsa gagwe kwa University of Botswana.[5]

Maemo a gagwe

  • Marketing and Administration officer (Mathematics Olympiad Botswana)
  • Founder at Caiphus Media(EL Caiphs Private Tuition Education ,El Caiphs Private Publishers and El Caiphs Private Online Bookstore)
  • Founder at Minds Magazine
  • Co-founder at OcaiFlavour

Dikatlego fetola

Ka ngwaga wa 2021, Phenyo Caiphus o ne a fiwa tlotla ya mokwadi yo o gaisitseng mo dikgaisanong tsa Chinese Embassy Short story competition.Go tsweng foo o ne a tsaya maemo a boraro mo Blog4dev international essay competition.O ne a tswelela ka go neelwa certificate of appreciation ke ba KhulummaAfrika magazine kwa lefatsheng la Aferika Borwa morago ga go bona tlotla ya go tshwana le eo gotswa kwa Virtuous Women Pty Ltd.Godimo ga ditlankana tse di ntse go tsweng mo dithutong tsa gagwe Phenyo Caiphus o ne a nna le tlotla ya go tswa dipampareng tsa dikgang tsa mo gae le ya kwa lefatsheng la Kenya.Phenyo Caiphus ke mofenyi wa National ICT fair 2016 le motshwara maemo a bobedi ngwaga pele a tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanong tseo.

Dithutego fetola

Phenyo Caiphus o simolotse go tsena sekolo kwa Nyamambisi Primary mme a fetsa ka maemo a ntlha(Grade A), a tswalela kwa sekolong sa Shangano kwa a feditseng ka maemo a ntlha (Grade A).O ne a tswelela kwa Nata Senior Secondary School kwa a feditseng ka dintlha di le masome a mane le borataro(46 points).O ne a ya kwa University of Bostwana kwa a ithutseng dithuto tsa Bachelor of Science Computing with Finance.O ne a dira dithuto tsa Quantam Physics le Pure and Applied Mathematics(Online ) ka maranyana a courseera.

Metswedi fetola

  1. Botswana-Stock-Exchange-Senior-Secondary-Schools-Finance-Investment-Competition
  2. Kgamanyane N,May 14 2021,[1] Caiphus pens The Girl Code
  3. Kgamanyane N,August 8 2021,Caiphus and Tlou write Hacking Reality
  4. School and College listings
  5. LAME L ,22 Jun 2022,WOMEN ARE NOT CARZY