Sankoyo Bush Bucks F.C

Sankoyo Bush Bucks Football Club ke lekalana la setlhopha sa kgwele ya dinao go tswa kwa Sankoyo kwa Botswana. Ba simolotse go tshameka lantlha kwa metshamekong ya Botswana Premier League go fitlhela ba tlhomamisiwa ka 2019. Ba tshamekela mono gae kwa Maun.[1]

Mebala ya bone ke botala le bosweu.[2]Ba itsege thata ka leina ka Ngurungu fa leina la bone la mono gae ele bushbuck.[3]

Ditso fetola

Sankoyo Bush Bucks e simolotswe ka ngwaga wa 1996 fa ba simolola go tshameka ka ngwaga wa 2000. Ba ile ba tlhatlhosiwa maemo kwa Botswana Premier League ka ngwaga wa 2014, ba nna setlhopha sa ntlha go tswa kwa bokone bophirima jwa kgaolwana ya Nhabe to tshameka mo dikgaisanong tsa Botswana Top flight.[4]

Bush Bucks e ile ka gatisa dintlha tse masome mabedi le boferabone kwa pheletsong ya di kgaisano tse nneng di direletswe go tlhomamisa motshameki o nne a sa kwadisiwa wa lefatshe la Zimbabwe eleng Morris Ruzivo.[5][6] Mme ba ile ba fenya kopo ya bone ya go sala mo Botswana Premier League. Ba ile ba tlhomamisiwa kwa bofelelong jwa dikgaisano tsa ngwaga wa 2019.[7]

Metswedi fetola

  1. "The Blues evade Maun to face the Bush Bucks. Simisani Mathumo to miss out". Township Rollers. 2015.
  2. "Sanyoko Bush Bucks". Botswana Premier League.
  3. "The Blues evade Maun to face the Bush Bucks. Simisani Mathumo to miss out". Township Rollers. 2015.
  4. "Sanyoko Bush Bucks". Botswana Premier League.
  5. Sejabosigo, Jeremiah (31 May 2015). "Botswana: Sankoyo Docked 29 Points, Relegate". allafrica.com.
  6. Sejabosigo, Jeremiah (1 June 2015). "Botswana: Premier League in a Muddle?". allafrica.com. Retrieved 21 November 2018.
  7. "Bush Bucks appeal dismissed". africanfootball.com. 28 May 2015