Thomas Tlou

Mopolotiki wa pele wa Botswana

Thomas Tlou (o tshotswe kgwedi ya Seetebosigo e rogwa ka ngwaga wa 1932 mme a tlhokafala ka 28 Seetebosigo 2010[1][2][3]) e ne e le motlhatlhelela dithuto gape e le mokwadi kgotsane moithuti wa dilo tsa ditso, gape e ne e le moemedi wa pele wa Botswana mo lekgotleng la United Nations.[2] Tlou o tsholetswe kwa Gwanda kwa go itsegeng e le Southern Rhodesia mo bo gompienong ka ngwaga wa 1932.[4]

Thomas Tlou
Ka Ga Ena
O tsetsweGwanda , Southern Rhodesia
Mosetshaba waMotswana

Tlou o tsene kwa Luther College go tswa ka ngwaga wa1962 go fitlha ka ngwaga wa 1965, ko a ileng a aloga magnum cum laude mo ditsong tsa Aferika.[4][5] Tlou o buile a ya ithutela kwa Johns Hopkins University, le kwa Mmadikolo wa Wisconsin-Madison kwa Amerika[2][5]. Ka ngwaga wa 1971 o ile kopana le Mmadikolo(University of Botswana), Lesotho le Swaziland, (UBLS), o ne a ya Mmadikolo, go ruta ka dithuto tsa ditso.[2] O ne a tlogela tsa borutontshi go ya go direla lephata la ga gororomente ka jalo go tswa ka ngwaga wa 1976 go fitlha ka ngwaga wa 1980 e ne ya nna moemedi wa se nnela ruri wa Botswana kwa lekgotleng la United Nations.[2]

Tlou e ne e le Motswana wa ntlha go nna mothusa tonakgolo wa University of Botswana, a direla jalo go simolola ka ngwaga wa 1985 go fitlha ka ngwaga wa 1998.[2] Go tloga foo o ne a tswelela gone kwa yunibesithing ye a neng adirela ko go yone e le motlhatlhelela dithuto mogolo wa yunibesithi ka dithuto tsa ditso, kwa bo felong o ne a tlogela tiro ka ngwaga wa 2006.[2]

Tlou e ne gape e le modulasetilo wa lekgotlana la di Yunibesithi tsa Mafatshe a selekane a direla mo bookameding jwa lekgotlana la di Yunibesithi tsa Aferika. Mo Botswana o diretse mo lephateng la Dithuto tse Dikgolwane tsa ithutelo ditiro mme ya re ka ngwaga wa 2005 e ne ya nna modulasetilo wa Botswana Institute for Development Policy Analysis (BIDPA).[6][2]

O ne a tsena mo nyalong le Motlhatlhelela Dithuto mogolo e bong Sheila Tlou, yo e neng e le moeteledipele wa Botswana mo lephateng la tsa botsogo go simolola ka ngwaga wa 2004 go fitlha ka ngwaga wa 2008 gape e le mothusa motlhatlhelela dithuto mogolo wa pele ka dithuto tsa booki kwa Mmadikolo mo Botswana.[2]

Dietsele fetola

Ka ngwaga wa 2006 Tou o ne fiwa seetsele segolwane sa bo doctorate kwa Yunibesithing ya Kapa[7]. O ne a boa a amogela tlotla ya Botswana Presidential order of Honour,[8] le go dirwa Chevailer dans L'Ordre des Palmes academiques ke France.

Ditiro fetola

Tlou o kwadile kgotsa o kile a kwala bontsi jwa selekanyo sa boleng jo bo atlegileng ka ditso tsa mo lefatsheng la Botswana.

  • Tlou, Thomas; Parsons, Neil; Henderson, Willie (1995). Seretse Khama, 1921-1980. Macmillian
  • Tlou, Thomas (1985). A History of Ngamiland:1750 to 1906. Macmillian

Metswedi fetola

  1. "Gabz Fm-Power to engage your world"
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 2.5 2.6 2.7 2.8 BOTSWANA: Academic leader, historian, diplomat dies Sheldon G Weeks*  11 July 2010.University World News. Retrieved 07 May 2022.
  3. Akyeampong, Emmanuel Kwaku; Gates, Professor Henry Louis Jr. (2 February 2012). Dictionary of African Biography. OUP USA. ISBN 978-0-19-538207-5. Retrieved 07 November 2022.
  4. 4.0 4.1 "Mmegi Online:: Professor Tlou buried and celebrated".Mmegi Online. 5 July 2010. Retrieved 07 November 2022.
  5. 5.0 5.1 University of Botswana Chancellors
  6. Botswana Institute for Development Policy Analysis Archived 5 August 2006 at the Wayback Machine
  7. Honorary doctorates for June graduation. Electronic Monday PaperUniversity of Cape Town 12 June 2006.[1] Retrieved 07 November 2022. Vol 15 No 14
  8. Yumpu.com."Read about Previous receipts of Botswana Honors awards.yumpu.com. Retrieved 07 November 2022.

Moribame, Samuel (27 June 2006)."Tlou getys UCT honorary degrees". Mmegi Online.