Tlhaolele mo Aforika Borwa

Tlhaolele mo Aforika Borwa e ka latelwa go tswa mo dipegong tsa bogologolo tsa hisitori tsa tirisanommogo magareng ga batho ba Aforika, Asia le Yuropa go bapa le lotshitshi lwa Aforika borwa.[1][2] E ntse e le teng go ralala bogologolo jwa dingwaga mo hisitoring ya Aforika Borwa, go tloga ka nako ya fa Aforika borwa e ne e dirwa kolone ke Ba-Dutch e e simolotseng ka 1652.[1][2][1][2] Pele ga tshwanelo ya go bouta ya lefatshe lotlhe e fitlhelelwa ka 1994, Ba-Aforika Borwa ba Basweu, bogolo jang Ba-Afrikaner ka nako ya tlhaolele, ba ne ba ipelela ditshiamiso le ditshwanelo tse di farologaneng tse di neng di sa letlelelwa ke molao kgotsa ke ditšhaba tse di neng tsa ganetsa batho ba ba tlholegang mo Aforika.[1][2][3] Dikao tsa tlhaolele e e rulagantshitsweng go ralala hisitori ya Aforika Borwa di akarel go kgaolwa ka dikgoka mo historing ya afrika borwadi akaretsa, go sa lekalekane ga bomorafe le tlhaolele, go sa kgaogantshiwi gwa didirisiwa, le go sa amogele ditshwanelo.[2][3] Dikganetsano tsa bomorafe le dipolotiki di sa ntse di le botlhokwa thata mo nageng.[2][3][4]

Tlhaolele ya Bokolone fetola

   

Mokgatlho o okannang wa segompieno mo Aforika Borwa o ne o le kwa seemong sa molemo wa bakgwebi ba Yuropa ba ba neng ba batla go tlhakantsha le go tsaya direkiswa kwa East Indies, potlana Portuguese le Ba-Dutch ka 1652,Dutch East India Company e kgeditswe Ba-Cape Colony Kwa Cape Of Good Hope.Mosola wa colony ene e le go dira ka natla gore dikepe tsa Ba-Dutch di thume goya le go boa kwa Batavia gore ba nne le provishini e ntshwa,jaaka leso la tlala le nale nomoro e kgolo mo bakgweetsing.Ka nako ya go tshwara puso,ba agi ba Dutch (ba itsege jaaka ba Boers)ba simolotse go nna kwa mafatsheng a manngwe, ba nna gonngwe le gonngwe fa gare ga bokoloni bo.

kgaolo ene ya reka bakgwebi ba Ba-Dutch ba baileng ba tsamaisiwa go dira koro le beini go tlhokomela baagi ba Ba-Dutch.bontsi jwa makgoba ba tshabetse barutisi ba bona ka go tsamaya baye go nna le ditlhopha tse ditshwanang le ba-Xhosa kgotsa ditlhopha dingwe tse di farologaneng jwaaka Bloem , Kok le Barends. Makgoba a le mantsi a ne a tshabela beng ba bone ka go tshabela kwa teng ga naga mme a kopana le ditlhopha tse di neng di le teng jaaka Bloem, Kok le Barends Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, Ba-arabia le bagwebi ba Yuropa ba ne ba rekisa dipheta, kopore, letsela, bojalwa le ditlhobolo go duelela makgoba, lonaka lwa tlou, gauta, bonota, dikgomo le matlalo. Poelo ya kgwebo eno e ne ya rotloetsa baeteledipele ba ntwa go tsoma ditlou le makgoba ka go tlhasela ditšhaba tsa selegae tse di jaaka Rolong, Tlhaping, Hurutshe le Ngwaketse. Ka nako ya Mfecane, Ba-Zulu ba ba neng ba eteletswe pele ke Shaka ba ne ba fenya merafe e mentsi e mennye mme ba ba dira makgoba.[5]

Baindia ba le bantsi ba ne ba tlisiwa mo koloning jaaka makgoba. Mokgwa wa go tlisa makgoba go tswa kwa India o simolotse ka dingwaga tsa bo1600 fa Ba-Dutch ba ne ba reka makgoba a e seng Bamoseleme go tswa kwa magusong a a farologaneng a India a a neng a busiwa ke Bamoselema. Mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bo18 la dingwaga, 80% ya makgoba e ne e le Ba-Asia Borwa ba ba neng ba sa tswe fela mo kgaolong ya India, mme gape le Ba-Asiata Borwa ba ba beng ba nna mo dikgaolong tsa Asia Borwa Botlhaba jaaka Java. Seteishene sa go gweba ka makgoba se ne sa tlhomiwa kwa Delagoa Bay (e jaanong e leng Maputo) ka 1721, mme se ne sa tlogelwa ka 1731. Gareng ga 1731 le 1765 makgoba a le mantsi a Madagascar a ne a rekwa go tswa kwa Madagascar.[6]

Molao wa bokolone wa Dutch o ne o tlhalosa makgoba jaaka thoto e e ka rekisiwang, ya rekwa le go rekisiwa, mofuta wa bokgoba jo bo itsegeng jaaka 'bokgoba jwa kgomo'. Go na le dikai di le dintsi tsa tlhaolele le ditiro tsa tlhaolela ka nako ya bokolone jaaka go kgwathisiwa, go bolawa ke tlala, go patelediwa go bereka diura tse ditelele, badiri ba tshwanelwa ke go rwala dipase, go duedisiwa lekgetho le le kwa godimo, go sa kgone go tsamaya mo ditseleng, go thibelwa go nna, go tsena kgotsa go bereka mo mafelong a a rileng a a jaaka Orange Free State.[6] Dikai tse dingwe di akaretsa go abelwa ga dijo ka nako ya Siege of Ladysmith.

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 . pp. 35–72. ISBN Davids. {{cite book}}: Check |isbn= value: invalid character (help); Missing or empty |title= (help)
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 2.5 . pp. 703–736. ISBN Cohen. {{cite book}}: Check |isbn= value: invalid character (help); Missing or empty |title= (help)
  3. 3.0 3.1 3.2 "Race in South Africa: 'We haven't learnt we are human beings first'". BBC News (London). 21 January 2021. https://www.bbc.com/news/world-africa-55333625. 
  4. . pp. 201–213. {{cite book}}: Missing or empty |title= (help)
  5. "South Africa - Growth of the colonial economy". Britannica.com.
  6. 6.0 6.1 "History of slavery and early colonisation in South Africa | South African History Online". www.sahistory.org.za.