Maboane

Motsana o o mo Botswana
(Go tswa ko Motsana wa Maboane)

Maboane ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilometara tse di masome a marataro mo botlhaba jwa Jwaneng gape palo ya batho e ne e le makgolo a borobabobedi lesome le borararo mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Maboane
Country Botswana
DistrictKweneng District
Palo batho
 (2001)
 • Total813

Letsema le thata ka mong wa lone fetola

Batswana ba kopilwe go dira ka natla go bona gore ba dira dingwe tsa ditlhabololo mo metseng ya bone.Se se builwe ke mopalamente wa Letlhakeng bophirima, Rre Maxwell Motowane jaaka a ne a buisa diphuthego mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi bosheng. Rre Motowane, yo e bileng e le mothusa tona wa botsogo, o ne a rotloetsa Batswana go ikemela ka dinao go itirela, a tlatsa ka gore puso e tlaa ba tsaya tema fa seemo sa itsholelo se boetse mannong.Mothusa tona a re tsholofelo ke gore banni ba motse ba itirele tse ba ka di kgonang ba seka ba baya fela mo pusong.Rre Motowane a re dilo dingwe bogologolo di ne di dirwa ka go ithaopa, mme a re mowa wa boithaopo o tshwanetse go boela.A re puso e dirile ditlamelo tsa thuto, botsogo, ditlhaeletsanyo le tse dingwe tse di thusang batho go tshela sentle, ka jalo a re tse dingwe di mo maruding a batho go na le go ema ba re ba kopile sennanne se mo lenaneong la puso.

Banni ba Maboane ba itsa go nna maoto a tshupa fetola

O ne a re doholo dingwe di dirilwe puso e sena seabe sepe, mme e le boeteledipele jwa motse bo nnile le seabe go bona gore motse o a tlhabologa.Mothusa tona o ne a re fa batho botlhe ba ka tsenya letsogo mo ditlhabololong, tema e ka nna teng.O ne a akgola banni ba motse wa Metsebotlhoko ba ba agileng ntlwana ya mabeelo kwa kokelwaneng ka lenaneo la Ipelegeng, a re moo ke go itirela go na le go nna ba kopa puso gore e oketse kokelwana ntswa ba tlhaloganya fa itsholelo e wetse tlase. E rile a afa malebo, mokhanselara wa kgaolo ya Maboane, Rre Bright Segwagwa a konotelela mafoko a mopalamente a re batho ba seka ba itsapela go itirela. Rre Segwagwa a re dilo tse di ntle di a itirelwa, a tlatsa ka gore maloba jale batho ba ne ba kgaratlha ka go ntsha koleke ntswa ba sa bereke, mme ditlhabologo di nne teng.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Botswana/Maboane Botswana/Mahalapye

Metswedi fetola

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-09.

Coordinates: 24°5′46″S 24°31′55″E / 24.09611°S 24.53194°E / -24.09611; 24.53194