Wikipedia:Today's featured article/Phatwe 10, 2022

Jeso Keresete a bapotswe mo sefapanong
Jeso Keresete a bapotswe mo sefapanong

Jeso Keresete o itsegeng gape e le Jeso wa Nazareth kana Jesus Christ ka sekgowa e ne ele moruti wa Bajuda gape e le mogolwane wa tumelo. Badumedi ba bakeresete ka bontsi ba dumela gore ke morwa Modimo.

Bontsi go ya ka segologolo ba dumela gore e ne ele moJudah go tswa ko lefelong le le bidiwang Judea, ko toropong e e bidiwang Nazareth, ye gompieno e bidiwang Israel. Gape ba dumetse gore e ne ele Moruti gape ga hodisa, le gore o kolobeditswe le Johane wa mokolobetsi. Ba dumela gape gore o bapotswe mo sefapanong a swela dibe tsa bone, le gore o ne a tsoga morago ga malatsi a mararo. Jeso o na a ruta go rata le go itshwarela ba bangwe, ga mmogo le go nna boikobo mo tumelong. O ne a ruta thata ka bogosi jwa Modimo le gore bogosi jwa Modimo bo gaufi. O ne a ruta gore ba ba ithokomolosang Modimo ga ba tshwanelwe ke masego a gagwe, mme Modimo o tla ba itshwerela fela fa ba ikopa maitshwarelo.

Batho ba bangwe ba e seng bakeresete ba ba neng ba tshela ka nako ya tumelo, ba ne ba sa dumele fa Jeso e le morwa Modimo. Ba ne ba dumela gore e ne ele mothofels o siameng, gongwe Moruti kana moporofita. MaIslam ba dumela fa e ne e le morongwa wa bobedi go ya ko bofelong. Ba dumela fa Muhammad e ne ele moporofita wa bofelelo. Gape ba dumela gore Jeso le Muhammad e ne ele batho fela ba ba thopilweng ke Modimo, Jaaka baporofiti. Bala e feletse